Breaking News

Kids Academy e abela bana diaparo

17 Sep 2015

Sekolo sa Kids Academy kwa Kanye se utlwile mokgosi wa ga tautona  Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.  

Moemedi Kids Academy, Rre Motswakgakala Sealetsa o boletse mo moletlong wa kabo mpho ya diaparo mo kgotlaneng ya Nyorosi Bogare fa sekolo sa gagwe se araba ikuelo ya ga Tautona ya go utlwela ba ba kobo dikhutshwane botlhoko.

O buile se fa a abela mokhanselera wa kgaolo ya Nyorosi Bogare Rre Kagisanyo Tau mephuthelwana ya diaparo tsa bana e le lekgolo le masome a mane le botlhano.

O  tlhalositse fa mephuthelwana e e lesome le botlhano e ya kwa sekolong se se botlana sa Makaba fa e e salang e le ya kgaolo ya Nyorosi Bogare.  

A re maikaelelo a bone ke go thusa puso go lwantsha lehuma ka go abela ba ba tlhokang.

Rre Sealetsa o boletse fa tebelopele ya setshaba ya 2016 ele maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go tlhomamisa gore e a atlega.  

A re bone ele Kids Academy ba ikemiseditse go diragatsa letshego la tshaba e e lorato ebile ele kutlwelobotlhoko gape e kgathala ka matshelo a ba bangwe.

“Mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa gore seabe sa gagwe mo katlegong ya matshego a tebelopele ya 2016 ke sefe ebile o tshwanetse go ipotsa gore boikarabelo jwa gagwe ke eng mo setshabeng sa lefatshe leno,” ga bua Rre Sealetsa.

Fa a amogela dimpho, mokhanselera Rre Tau o buile a tletse ka monyenyo o mogolo ka tiro e ntle e e dirilweng ke sekolo sa Kids Academy. O boletse fa a amogela dimpho ka matsogo oo mabedi.
]Rre Tau o tlhalositse fa bana ba tlhoka tlhokomelo gore ba tie moko mo dithutong tsa bone ka jalo a kgothatsa batsadi go tswelela ka go tlhokomela ka nako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : KANYE

Event : Kabo-dimpho

Date : 17 Sep 2015