Breaking News

Tshenyetso setshaba e borai

17 Sep 2015

Tshenyetso setshaba selaga se se maswe ka jaana motho o kgona go dira molato  a sa itse gore nako nngwe go tlaa  lemogiwa a bo a tshwarwa. Se se builwe ke Mme Nnese Magwadi fa a buisa babereki ba  maphata a kgaso le dikitsiso kwa Palapye bosheng.

O ne a kopa bodiredi go ikela tlhoko thata dinako tsotlhe ka gore selo se se nnye se ka senyetsa motho tiro le botshelo. O gakolotse badiri go bega sengwe le sengwe se se amanang le tshenyetso setshaba kwa lephateng la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo le mo dikomiting tsa twantsho tshenyetso setshaba mo maphateng a puso.

A re dikomiti tseo di setse di tlhamilwe mo maphateng a puso, maikaelelo e le go leka go lwantsha tshenyetso setshaba mo tirong. 

Mme Magwadi o tlhalositse fa dikomiti di tshwanetse go akaretsa bodiredi jotlhe, e seng gore di tsenwe ke bagolwane fela. 

A re go dira jalo go kgona go thusa gore bagolwane ba kgone go lemosiwa dilo dingwe tse bone ba neng ba sa di ele tlhoko tsa tshenyetso setshaba. O gakolotse gore bodiredi bo tshwanetse go bua dimpho tse ba di fiwang fa ba le mo ditirong tsa bone.

O ne a tlhalosa gape fa ba setse ba lemogile fa go na le badirelapuso bangwe ba ba setseng ba kgona go utswa madi a a duelelwang go bereka morago ga nako. 

A re bangwe ba setse ba dirisa maretshwa mangwe gore ba kgone go duelwa madi a  ba sa a berekelang, mme a re seo ke tshenyetso setshaba e bile modirelapuso o kgona go tseelwa dikgato tse di gagametseng. A re gape ba setse ba lemogile fa go na le bangwe badirelapuso ba ba dirisang maretshwa ka madi a ba a neelwang go robala mo dioteleng. 

A re batho ba setse ba dirisanya le bangwe ba diotele. Go dira jalo le gone a re ke tshenyetso setshaba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Bokopano

Date : 17 Sep 2015