Breaking News

Lelwapa boremelelo jwa kgodiso ya ngwana

17 Sep 2015

Tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, a re lelwapa ke mokwatla wa kgodiso ya bana. Tona o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela malwapa o o neng o rulagantswe ke kereke ya Family Of God kwa Selebi Phikwe bosheng. 

A re moletlo wa go nna jaana o tlaa thusa malwapa a le mantsi go itshetlela. 

Tona Batshu a re malwapa mangwe a lebanwe ke masula l, ka jalo kereke e tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go itebaganya le matshosetsi otlhe a a gomagometsang go thubega ga malwapa. Tona Batshu o ne a tlhalosa gore Batswana ba tshwanetse go boela kwa mokgweng wa maloba kwa malwapa a neng a bopagane. 

Tona re lephata la gagwe le tshwentswe ke dikgang tse di golelang pele tse di supang fa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro ba dirisiwang botlhaswa ke borre ba ba tshwanetseng go bo ba ka bo ba ba sireletsa.

A re bana ba dingwaga tse di lesome le bongwe ba tsweletse ka go tshola bana mme a kgalema a menne phatla gore ga se mokgwa wa setho. 

O ne a kgothatsa dikereke go thusa puso go lwantsha mmaba o o tlhasetseng bana, a re bana ba tshwanetse go tlogelwa go akola bongwana jwa bone. 

Tona o tsweletse a re dipalo tsa batho ba ba nyalanang di wetse kwa tlase mo dingwageng tse tlhano go simolola ka  2010 go ema ka ngwaga wa 2014 a re se se supa gore batho ga ba sa tlhole ba na le tshepho mo lenyalong mme se se rotloetsa mowa wa go nna mmogo batho ba sa nyalana. 

Tona Batshu o kopile dikereke go tlhama mekgatlho e e tlaa rotloetsang lenyalo, mme a fa sekai ka mokgatlho wa Re-a-Nyalana o o simologileng ka ngwaga wa 2011 mme o setse o kopantse malwapa a le 2 466, a re se se rotloetsa kgodiso ya bana  e e kopanetsweng ke batsadi botlhe.  Kereke e ne ya abela lephata la dikgolegelo dimpho tsa go tlhapa di akaretsa melora le ditlolo. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Moletlo

Date : 17 Sep 2015