Breaking News

Modulasetilo o atla ditlhabololo

17 Sep 2015

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo e e kwa Moshupa, Rre Albert Golekanye, o boletse fa ba itumedisitswe ke ditlhabololo tse  di tsweletseng mo motseng.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Golekanye, o boletse fa e rile mo bosheng dipone tse di bonesang mo mekgwatheng tsa simolola go bereka.  

A re e re ntswa go bereka bontlha bongwe jwa tsone, baagi ba itumeletse kgatelo pele eo.

Rre Golekanye a re kago ya ntlwana ya tlhatlhobelo malwetse e setse fela ka go tsenngwa ditsidifatsi tse di tlaa bong di beela melemo.

Fa a ama kgang ya leobo la kgotla kgolo  le le iseng le fele, Rre Golekanye o boletse fa komiti ya ditlhabololo e ne ya tsaya boikarabelo jwa go kopa morafe go ntsha P50 go ya kwa go P200 lelwapa lengwe le lengwe go thusa mo go direng moalo wa leobo leo, le jaanong le nang le dingwaga tse thataro le ntse le dirwa.

A re se e ne e le sesupo sa go ipelega gore e re ba kopa dithuso mo dikhamphaning ba bo ba setse ba na le se ba ka se supang gore ba seka ba imetsa ba ba eletsang go ba thusa morwalo. O boletse fa Ipelegeng le yone e ne ya ntsha seabe ka go ntsha bodiredi le go tsaya maikarabelo a go bo duela.

O ne a leboga khamphani ya Majwe Mining e e ntshitseng madi a a neng a lekane go rulela leobo  mme a tloga a tlhaela ka lebaka la go gola ga ditlhwatlhwa tsa ditsompelo tsa kago.  

Rre Golekanye o tlhalositse fa  le mo nakong eno khamphani eo e ntse e ba eme nokeng ka go ba neela maitseanape wa dikago, yo o dirisanang le bone sentle. Le fa go ntse jalo, Rre Golekanye o ngongoregile gore ba sale ba solofeditswe kokelo ka lenaneo la ditlhabololo la boferabobedi NDP 8 mme nako kgolo ke eno.

E rile a akgela, Mme Gladys Seatoma, yo e leng modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Moshupa Borwa, a ngongorega ka go tlhoka go fela ga leobo lwa kgotlana e a e okametseng. 

Mme Seatoma o ne a ngongorega gore letsibogo la Matlhakola/Pyetle go sale go twe le tlaa baakanngwa ka gore nako ya go le dipula banni ba metse eo ga go na  fa ba tlolang teng, selo se a reng se borai mo matshelong a bone.

 Mme Kegomoditswe Tlhabiwe, mothusa mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo e kgolo ya Moshupa, o ngongoregetse gore batho ba ba tshwanetseng go akola mananeo ba a ne ba sale ba tlhatlheletswe dithuto mme go nne bonya gore ba simolodisiwe dikgwebo. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Moshupa

Event : Potsolotso

Date : 17 Sep 2015