Breaking News

Ba Ditshiping ba rotloediwa go tsena diphuthego

17 Sep 2015

Banni ba Ditshiping ba rotloeditswe go tsena diphuthego tsa kgotla.  E rile a bua bosheng kwa phuthegong ya kgotla, Kgosi Galebuse Tshekonyane a re diphuthego di fa banni sebaka sa go utlwa le go itseela molaetsa o o buiwang ka tlhamalalo.   Gape a re go ka fa banni sebaka sa go bolelela bagolwane dingongorego, matshwenyego le dikeletso tsa motse wa bone.  

Kgosi Tshekonyane o tsweletse a rotloetsa banni gore le fa batho ba na le ditiro tsa bone, go maleba gore ba ikgaoganye ka ditiro, bangwe ba kgone go tsena diphuthego fa ba bangwe ba sala ba tsweledisa ditiro. 

E rile a mo tlatsa, mokhanselara wa kgaolo ya Bojanala, Rre Luke Motlaleselo, a tlhalosetsa banni gore diphuthego tsa kgotla di botlhokwa fela thata mo matshelong a banni ba motse.  A re di botlhokwa bogolo jang mo metseng e tshwana le Ditshiping, e e sa tlhomamisiwang ka fa malaong e bile e le kgakala le ditlamelo ka gore gantsi ka nako ya diphuthego baemedi ba maphata a a farologaneng ba a bo ba tsile.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gomolemo Kwenaemang

Location : Ditshiping

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Sep 2015