Breaking News

Kgosi Mangogola o bolokilwe

16 Sep 2015

Mokhanselara wa pele wa Mathathane, Rre Ishmael Legwaila, o kaile fa mothusa kgosi wa Mathathane Rre Moloko Mangogola e ne e le motho yo o senatla gape a le lerato mo setshabeng. O buile seo kwa phitlhong ya mothusa Rre Mangogola ka mafelo a beke kwa Mathathane.

A re mothusa kgosi o tlhomilwe go nna kgosi ya kgotla ya Serumola ka ngwaga wa 1975, a tlhomiwa go nna mothusa kgosi ka ngwaga wa 1992 setilo se a tlhokafalang a le mo go sone.

O tlhalositse fa e ne e le molemi-morui,gape o ne a dira tiro ya gagwe ya bogosi ka bonatla a sa kgaramediwe e bile a thusa setshaba ka lerato le botswerere. Rre Richard Serumola a re o berekile le Kgosi Mangogola dingwaga di le masome mabedi a supa fa a sa itse gore o ya go bona kae senatla se se tshwanang le ene ka o ne a tshephagala mo tirong ya gagwe ya bogosi.

Leloko la ntlo ya dikgosi kwa Bobonong Kgosi Mmirwa Malema o tlhalositse fa Kgosi Mangogola a ne a sa mpampetse sepe, e le motho yo o buang boammaaruri.

Molaetsa go tswa kwa go mogolwane wa dikgotla tsa Setswana, Rre Tumelo Seboko, o ne wa tlholosa fa Kgosi Mangogola a tsene mo tirong e e botlhokwa ya go direla morafe ka ngwaga wa 1994 kgwedi ya Lwetse e tlhola letsatsi e le kgosana e e sekisang.

Moemedi wa Ntlo ya Dikgosi  kwa Bobonong  e le kgosi ya Molalatau, Rre Letso  Malema, o ne a rotloetsa setshaba go dira dilo ka fa go tshwanetseng, a supa fa dikgang tsa go lwela bogosi di tshwenya. 

O ne tlhalosa fa ba itse ka fa ba tsalwang ka teng  e le ka thulaganyo ya bone, mme se se botlhokwa ke go tsena mo ntlong ba buwe, morago ba bolelele morafe wa Mathathane gore ba bona mang yo o ka tsenang mo boemong jwa ga Kgosi Mangogola. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Bobonong

Event : Phitlho

Date : 16 Sep 2015