Breaking News

Ba sekaseka matlhophelo

16 Sep 2015

Lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho (IEC) le ne  kopane le bogogi jwa Metsimotlhabe go sekaseka matlhophelo a  a neng a dirisiwa mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2014. 

Mogolwane wa IEC yo o okametseng kgaolo ya Mogoditshane-Thamaga, Rre Boamogetswe Monyena, a re lekoko la gagwe le kopane le magosi, makhanselara le komiti ya ditlhabololo tsa motse go akantshana ka matlhophelo a a neng  a le teng mo Metsimotlhabe, gore a ke a okediwe, a fokodiwe kgotsa a tlogelwe jaaka a ntse. 

Rre Monyena a re mo ditlhophong tsa 2014 matlhophelo a ne a robabongwe go balelwa le a kwa Diagane. 

Fa ba a kgwa Rre Monyena dikgaba, batsena phuthego ba ne ba tlhalosa fa matlhophelo a siame mme ba kopa gore a okediwe ka go dirisa kgotla ya goo-Madisa go fokotsa mosuke kwa matlhophelong a Community Hall.  

Rre Monyena o ne a dumalana le bone ka go dirisa goo-Madisa a re se se ka solegela puso molemo ka jaana ditshenyegelo tsa go hirisa ditante le matlwana a boitiketso go sa tlhokege. 

Rre Monyena o ne a wetsa ka go boeteledipele jwa motse, a re jaanong o ya go direla kwa Mochudi mo kgaolong ya Kgatleng e le mothusa molaodi. Mokhanselara Pelaelo Oreetseng o ne a lebogela tirisanyo mmogo e Rre Monyena a nnileng le yone mo ofising ya gagwe a re o lebogela le seabe sa gagwe mo kgaolong ya Mogoditshane -Thamaga. 

A re se  se raya gore Rre Monyena o rwesitswe boikarabelo jwa go nyadisa le go letlanya batho ka jalo a mo eleletsa masego le matlhogonolo mo tirong e ntsha. 

Mokhanselara Oreetseng o ne gape a lebogela IEC ka therisanyo e ba e dirang pele ga ba tsaya ditshwetso, a re go isa morero kwa bathong ke go supa tlotlo mo setshabeng se ba se direlang ka jalo setshaba le sone se tlaa nna le tshepho mo go bone. Bookhutlo

Source : BOPA

Author : Bontle Keikepe

Location : Metsimotlhabe

Event : Bokopano

Date : 16 Sep 2015