Breaking News

Bomme ba gakololwa go tsibogela lenaneo

16 Sep 2015

Mogokaganyi wa ditirelo tsa lenaneo la thibelo mogare wa HIV/AIDS go tswa mo go mmangwana go ya leseeng (PMTCT) mo kgaolong ya Kweneng Bophirima, Mme Karuhaka Ngotothirite, a re go a tshwenya gore e re mo nakong eno go bo go santse go na le masea a a tsholwang a na le mogare wa HIV, le mororo mananeo a puso jaaka PMTCT a le teng.

Mme Ngotothirite o tlhalositse mo puisanong gore le ntswa lenaneo le, le itshupile le na le maduo fela a a molemo, go santse go na le masea a a santseng a tsholwa a na le mogare, ka ntlha ya gore baimana bangwe ba itlhokomolosa go le tsenelela, le ntswa ba itse seemo sa bone sa mogare wa HIV.

A re dipalo di supa fa mo kgaolong ya Kweneng Bophirima go simolola ka kgwedi ya Firikgong go fitlha kgwedi ya Moranang monongwaga, go feta bobedi mo lekgolong ya masea a a tshotswe a na le mogare wa HIV, ka ntlha ya gore bommaabone ba nnile maoto a tshupa go tsenelela lenaneo la PMTCT.

Mme Ngotothitire o kaile fa go itlhokomolosa mananeo a tshwana le le, mo go dirwang ke bomme bangwe e le go phutlhamisa maiteko a puso a go lwantsha bolwetse jwa HIV/AIDS, ka jalo a ba gakolola go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le botsogo jwa bone gammogo le jwa bana.

A re go a tshwenya gore e re puso e tshwere phage ka mangana go leka go babalela matshelo a Batswana ka mananeo a botsogo a a fiwang setshaba ntle le tuelo epe , bangwe bone ba bo ba sa kgone go inaakanya le one ntswa ba tlamega go dira jalo.

Le fa go ntse jalo, Mme Ngotothirite o tlhalositse fa lenaneo le le supa maduo a mantle fela thata mo go botlhe ba ba neng ba le tsibogela,a kaya fa  bomme ba ba neng ba le tseneletse mo kgaolong ya Kweneng Bophirima ba ne ba tshola masea a a senang mogare wa HIV.

Ka jalo a gwetlha bomme botlhe go tsibogela go ikwadisetsa boimana mo dikokelong gore fa go tlhokafala ba tsenngwe mo lenaneong la PMTCT. A re bomme fa ba tsena kwa ikwadisong ba tlhatlhobelwa bolwetse jwa HIV/AIDS, mme fa bo fitlhelwa mo go bone,ba tsenngwa mo lenaneong la PMTCT.

A re ba itemogetse fa go santse go na le bangwe ba ba santseng ba diega go ya go ikwadisa fa ba imile, fa ba bangwe ba belegela mo malwapeng.O boletse fa ba sa rotloetse pelegi ya mo malwapeng ka e sa babalesega,ka jalo go belegisa go tshwanetse ga dirwa ke batho ba ba go rutetsweng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Puisano

Date : 16 Sep 2015