Breaking News

Kgosi Moroka o a kgalema

16 Sep 2015

Kgosi Sello Moroka wa Lerala re ga a itumedisiwe ke bagolo bangwe ba ba tlang kwa kgotleng ya gagwe ba re ba supela bangwe mo dithotong tsa boswa ntswa ba itse fa bosupi jo ba bo ntshang e se jwa boammaaruri.

Kgosi Moroka a re go le gantsi motsadi o tla kwa kgotleng go tla go supela dithoto dingwe di tshwana le sediba, tshimo kana setsha mme a supa fa dilo tseo e le tsa boswa e bile di lebagane mongwe ngwana yo o setseng a le nosi batsadi le ba a tsetsweng le bone ba tlhokafetse botlhe.

Kgosi Moroka a re fa bagolo bao ba sena go fiwa mokwalo wa bosupi go felela go bonala kwa bofelong gore tse di neng di builwe pele ga se tsa boammaaruri ka ba ba tsetsweng le yo go neng go twe boswa ke jwa gagwe ba felela ba tla kwa kgotleng go ikuela.

O ne a bua jalo kwa phuthegong e e neng e tshwerwe ke ba lekgotla la kabo ditsha bosheng kwa Lerala.

Kgosi Moroka a re go makgetho a le mantsi bosupi bongwe jo bo neng bo isitswe kwa go ba lekgotla la kabo ditsha bo emisiwa ntateng ya gore tse di neng di builwe pele e se boammaaruri. O ne a supa fa se, e le mokgwa o o sa siamang mme go ngomola pelo gape ka o dirwa ke bagolo.

O ne a ikuela mo bagolong ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo a bolela fa a tsere tshwetso ya gore go tsewe nako pele go tlhotlhomisa gore bosupi jo bagolo ba tlang ka jone ba supela ba masika ke boammaaruri.

Fa a itebaganya le balebeledi ba lefatshe mo motseng wa Lerala, Kgosi Moroka o ne a supa fa ba sa dire tiro ka bokgabane. 

A re go na le dikgang di le mokawana tse di duleng mo tseleng tse balebeledi ba lefatshe ba amegang mo go tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Phuthego

Date : 16 Sep 2015