Kgang ya bogosi e tsositse kgaruru
17 Sep 2015
Kgosi Kopano Mabona wa Rakops o kopile morafe wa Mopipi mo kgaolong- potlana ya Boteti gore ba nne selo se le sengwe. Kgosi Mabona o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso.
Kgosi Mabona o ne a bua jaana morago ga go lemoga fa morafe wa Mopipi o le makgamu mabapi le go tlhopha mongwe yo o ka tsayang setilo sa moemela kgosi.
Mothusa tona o tlhalositse fa go na le ditlhopha tse pedi, ba bangwe ba re go na le sengwe se se sa dirwang sentle, fa ba bangwe ba amogetse se se dirilweng fa go tlhophiwa yo o neng a tsaya setilo sa moemela bogosi.
O supile fa a amogetse dikwalo tse pedi, mme mokwalo wa ntlha o tswa mo bathong ba le masome a mane ba Mopipi. Tona o ne a tswelela a tlhalosa fa ba le makgolo a mabedi, masome a mararo le boferabongwe ba ne ba kaya fa ba diegelwa ka leina la kgosi ka ba isitse maina.
Mme Tshireletso a re e le ba lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, ba diragatsa puso ya batho ka batho, a tlhalosa fa ba dira jalo ka go tla go utlwa matshwenyego a bone.
Rre Galazo Otimilwe yo o neng a le moemedi wa setlhopha sa ga Rre Oreagetse Machilidza, a ne a tlhalosa fa keletso ya bone e le gore, Rre Machilidza a tlhatlosiwe maemo go kaba phatlha ya setilo sa ga Kgosi Kgweetsi yo o tlhokafetseng.
O ne a tlhalosa fa go ne ga ntshiwa maina a mararo e bong Pelotshwaana Maboane, Oreagetse Machilidza le Patelelo Kesegofetse.
Rre Otimilwe a re e ne ya re morago ga tla Kgosi Serogola Seretse, yo o neng a supa fa a tla ka leina la yo o tlaa kabang setilo sa ga Kgosi Kgweetsi, mme a supa fa leina leo e le la ga Kesegofetse Patelelo.
Mme a re Kgosi Machilidza o ne a sa itumelela tshwetso eo mme a ikuela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko, e e neng ya tsaya tshwetso ya gore Patelelo a sutisiwe. Fa Rre Gokanokwang Keatlholetswe a ne a tlhalosa fa ba batla go itse gore ba tlaa thusiwa leng ka leina la kgosi ka ba setse ba isitse maina.
Rre Molefhe Shaka o ne a tlhalosa fa bogosi jwa Mopipi bo sa tshwane le jwa metse e mengwe, a tlhalosa fa e le jwa ditlhopho. Rre Shaka a re tsamaiso ya Mopipi ke gore yo o tlang ko morago a tsene ko tlase.
Fa Rre Patelelo a ne a supa fa Rre Mokhutshwane Sekgoma a ne a diragatsa tshwetso ya kgotla kgolo ka go mo sutisa mo setilong.
Rre Patelelo a re o ne a tlhomilwe ka molao wa bogosi, a supa fa maemo a a neng a beilwe ka one a Sub-Tribal Authority a sa tlhole a le teng go dirisiwa moemela bogosi. Rre Machilidza o ne a tlhalosa fa go ne ga nna le tlhakatlhakano fa ba Gammangwato ba sena go tsaya kgosi yo o tsileng ko morago go kaba phatlha ya ga Kgosi Kgweetsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thandy Tebogo
Location : Mopipi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Sep 2015






