Breaking News

Leina Mokobeng le tswa kae

16 Sep 2015

Fa o tla o tswa kwa Mahalapye o tsamaela kwa botlhabatsatsi, o tsamaya dikhilomithara di le masome a supa o bo o feta ka Machaneng. Go tswa mo Machaneng o tsamaya sekgelenyana fela se e seng sa sepe se mokgweetsi a ka tsayang metsotso e e sa feteng masome a mararo a bo a feta ka Sefhare.

Ka tota bontsi jwa metse ya kgaolo ya Tswapong e sa katologana mo go kalokalo, go tswa mo Sefhare o tsamaya dikhilomithara di le lesome le bosupa o bo o gorogile mo Mokobeng.

Mme fa gare ga Sefhare le Mokobeng go na le metse ya Borotsi le Chadibe, metse e fa motho e le lantlha a  etela kgaolo ya Tswapong a se kelotlhoko, o ka gopola gore ke motse o le mongwe ka tota yone e patagane fela. Fa o tswa mo Sefhare o ya Mokobeng ga go na tsela e nngwe gape e o ka e tsayang o sa fete metse eo.

Mme gone leina le Mokobeng le tswa kae, kgotsa go ne go tewa eng?

Fa o tsena ka motse oo, dingwe tsa ditsatlholego tse o ka di lemogang ntle le go botsa beng gae ke setlhare se se anameng le motse oo sa mokoba. Mme fa o se motho yo o ratang go tlhotlhomisa, o ka akanya fela gore leina le la Mokobeng le tswa gone mo setlhareng seo kante nnyaa, ga go a nna jalo.

Kgosi Obert Thutwe o araba dipotso tsotlhe tse di amanang le motse o.

“Ngwanaka e kgang ya gago ga e a ntekana le wena o a bona gore tlhogo ya me e santse e le ntsho mme e kgang ke e e batlang matlhogotshweu ka gore le nna ke santse ke ithuta ditso tsa motse o mo go bone,” Kgosi Thutwe a tlhapela kgang ya me diatla.

Ka lerato, o ne a ya go kopanya setlhopha sa babega dikgang ba BOPA le mongwe wa mabutswapele yo a neng a mo kaya fa e le mongwe wa ba ba mmalwa ba ba santseng ba le mo botshelong ba batsadi ba bone ba ba tlogeletseng kitso ya ditso tsa Mokobeng.

Ya re fela fa re tsena, ya nna ekete ke motho a sa le a letile e bile a setse a fedile pelo. Mme tota nnete ke gore re ne re tla re ole fela jaaka leru re sa rulaganya bokopano le ene. Fa a utlwa potso e re ke kopa o ntlhalosetse ka botlalo gore leina le la Mokobeng le tswa kae, Rre Seabe Mokgosi a tshega a bo a gelola dikeledi mme moragonyana a re ke tshegiswa ke boitumelo ja gore o dira tiro e ntle ya go kwala ka ditso tsa motse o gore dikokomane di tle di sale di bala nna ke iketse badimong.

Rre Mokgosi a kaya fa mo nakong ya gompieno ba setse ba le babedi fela le mme mongwe ba ba nang le kitso e e botoka ya ditso tsa motse.

“Se ke tlaa se go bolelelang ngwana-wa-ngwanake ke se le nna ke se boleletsweng ke mme le nkuku ka gore nna tota fa bontsi ja dilo bo diragala ke ne ke ise ke nne teng fa gongwe ke ise ke tlhalefe,” ga bua Rre Mokgosi yo o dingwaga tse di masome a robangbobedi le borobabobedi.

“Gatwe go ne go na le monna a bidiwa Matloane a tswa kwa lefelong lengwe le bidiwa Bobididi kwa Aferika Borwa mme a tla a thibelela fa godimo ga thaba e le lekoko la gagwe le a neng a tla a le goga kwa pele” Rre Mokgosi a bua a supa thaba e e gaufi le motse oo ka monwana.

A re gatwe batho bao ba ne ba nna foo ka lobaka mme ya re ka lengwe la malatsi ga tla monna mongwe a tswa kwa mokwena a bidiwa Motlhabankwe mme a nna nabo foo.

“Fa ba tlhalosa ba re e ne e le ka dingwaga tsa bo 18 tse ke ka sekeng ke di tlhomamise sentle ga mmogo le maina a borre ba babedi bao ka botlalo,” Rre Mokgosi a bolela.

O ne a tswelela a re gatwe batho bao ba ne ba nna foo mme ba simolola go ntsifala ka bonya ka bonya.

A re gatwe e rile go boneng palo ya batho e ntse e tsweletse ka go golela pele, morafe wa gakololana gore a go nne le motho yo o ba etelelang pele.

Rre Mokgosi a re Matloane o ne a re ke ene moeteledipele ka gore ke ene yo o neng a tla a eteletse batho pele fa ba tla go thibelela foo mme morafe wa dumalana le ene.

Mo letlhakoreng le lengwe, Motlhabankwe gatwe a ema a le nosi a re ke ene moeteledipele ka gore ke ene yo motona ka dingwaga mo bathong botlhe ba ba neng ba le foo.

Gatwe kgang e, e ne ya tsosa kgaruru mme lekoko la ga Matloane la tswa ka mogopolo wa go koba Motlhabankwe.

Rre Mokgosi o boletse gore batho ba ne ba dumalana le mogopolo oo ka bongwefela jwa pelo mme ga tsoga modumo o mogolo mongwe le mongwe e le yo o reng ‘a re mo kobeng, mo kobeng, ee mo kobeng, ga re mo itse.’

A re gatwe e rile modumo oo o ntse o tsweletse ga tla monna mongwe yo tota a neng a le mo ditseleng tsa gagwe fela a bidiwa Tshekedi go tswa kwa ga Mmangwato mme a rolelwa kgang e e neng e tsositse modumo e.

Rre Mokgosi a re go bolelwa gore e rile Tshekedi a sena go utlwa kgang ya bone a kopa Matloane gore a kgang e nne modiga a tlogele Motlhabankwe a ba etelele ka a le motona. O tsweletse ka gore  gatwe modumo o ne wa gakala ka lebaka morafe o supa fa o sa batle Motlhabankwe mme phelelong Matloane a dira se Tshekedi a neng a se mo kopa, a letlelela Motlhabankwe go ba etelela pele.

Mme go tlhalosiwa fa morafe o ne wa sala o le bete se molangwana ka tshwetso e ka jalo ya re Tshekedi a sena go tsamaya ba bo ba sala ba bitsa lefelo leo ba re Mokobeng, go tewa gore kobang Motlhabankwe ka gore ga re mmatle.

Rre Mokgosi a re ke ka moo le jaana motse o bidiwang Mokobeng e bile o na le dikgotlana tse di bidiwang Matloane le Motlhabankwe gareng ga tse dingwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : Mokobeng

Event : Potsolotso

Date : 16 Sep 2015