Kumakwane o lela ka matlakala
16 Sep 2015
Banni ba Kumakwane ba lela ka matlakala a a latlhelwang mo motseng wa bone ke bahiti ka tsela. Kgosi Tommy Seboni a re batho ba ba fetang ka tsela ya Kumakwane, ba na le seabe mo go latlheleng matlakala mo ditseleng. O tlhalositse fa seemo se, se sa ba itumedise.
Mo dikgannyeng tse dingwe, kgosi o tlhalositse fa a itumelela mananeo a puso, mme sebe sa phiri ke gore dithuso tsa teng di bonya jo bo feteletseng.
Kgosi Seboni o ne gape a kopa go batlelwa mothusi mo kgotleng, yo e tlaa reng fa a ile go dira ditiro tse dingwe tsa morafe, ene a sale a tsweledisa ditsheko.
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Frans Van Der Westhuizen, o ne a ile go lekodisa banni ba Kumakwane ka mananeo a ba-na-le bogole.
A batho ba ba sa kgoneng go itirela sepe gotlhelele ba tlaa atswiwa ka P300 kgwedi le kgwedi, mme go tlaa neelwa fela ba ba kanokilweng ke ba boipelego.
Mothusa tona a re le ene o tshwennngwa ke batho ba ba utswang motlhaba kwa Kumakwane. A re fa ba tshwarwa, ba atlholwa madi, mme go lebega katlholo ya madi e sa ba tshwenye, ka ba nna ba tswelela ka go o utswa.
Rre Van Der Westhuizen o tlhalositse fa ba tlaa sekaseka dikatlholo tse di leng teng, go bona gore ba ka se tswe ka tse di gagametseng. O ba kopile gape go netefatsa gore boikarabelo jwa bone jwa go tlhokomela tikologo ga bo felele mo malwapeng a bone, mme ba seka ba iteba ba le nosi ba lebe lefatshe.
Mo go tse dingwe, tona o tlhalositse fa puso e solofela gore batho ba ba filweng dipodi pele, ba nne mo seemong sa go rekisetsa ba ba di tlhokang, mme a supa fa go supagala fa go na le tlhaelo ya dipodi mme se se dire gore ba ba di kopileng ba tseye nako e telele ba ise ba thusiwe.
Fa ba mo kgwa kgaba, banni ba supile fa ba na le mathata a magolo a lenyora. Mme Kesego Sesiro o ne a tlhalosa fa ba na le dikgwedi tse nne ba sena metsi mo motseng wa bone, a tlhalosa gore fa a nna teng, a tswa bosigo fela.
Bangwe ba kopile gore go tshwarwe dikoloi tsa batho ba ba utswang motlhaba, fela jaaka fa go gapiwa phologolo le didirisiwa fa motho a e utswile.
Ba supile gape fa molapo wa Kolobeng o kgotlelesegile, ka baruti ba dikereke dingwe ba phalaletsa mo go one, fa batho bangwe bone ba latlhela matlakala teng.
Ba galaleditse Rre Van Der Westhuizen, ba supa fa a ba lekola kgapetsakgapetsa, mme ba mo kopa go tlisa pharologanyo mo dilelong tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : KUMAKWANE
Event : Tekolo
Date : 16 Sep 2015






