Breaking News

Mogolwane wa CPP o rolela sekole sa Matshekge hutshe

16 Sep 2015

Mogolwane wa khamphani ya CPP, Rre Kobamelo Kgoboko, a re sekole sa Matshekge ke sengwe sa dikole tse di dirang ka natla go tlhabolola  le go rotloetsa thuto ya boleng.

Rre Kgoboko o buile se kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng seo bosheng.  O gwetlhile komiti ya batsadi le barutabana go ema ka dinao go tokafatsa maduo le go kgala maitsholo a a sa amogeleseng kwa sekoleng seo.

O ne a  galaletsa thulaganyo e e dirilweng ke lephata la botsogo go bulela sekole seo kokelwana ya baithuti. Rre Kgoboko a re le ntswa le fa sekole seo se na le boranyane jwa ditlhaeletsano tsa inthanete, se tshwanetse go okelediwa dibalamakgolo mme a gwetlha barotloetsi go thusa ka go se abela.

Mogokgo wa sekole seo, Rre Baboloki Bajiti, le ene o rotloeditse baithuti go tsaya thuto ka tlhwaafalo ka ke yone e ka ba betlelang bokamoso jo bo siameng.

Rre Bajiti a re phadisano gareng ga baithuti e ka ba thusa go tokafatsa maduo a bone. A re go tswa ka ngwaga wa 1978 fa sekole sa Matshekge se bula dikgoro, se ntse se itlamile go ntsha maduo a a kgatlhisang gammogo le thuto ya boleng.

Rre Bajiti a re mo ngwageng wa 2014 sekole seo se ne sa wela tlase ka 19.3% mo maduong a mophato wa botlhano ka jalo a supa fa mo ngwageng wa 2015 ba tlaa dira ka natla go tsholetsa serodumo se sekole se itsegeng ka sone.

O tsweletse a tlhalosa fa sekole seo se dirile bontle mo dikgaisanong  tsa metshameko ya dikole tse dikgolwane tse di neng di tshwaretswe kwa Gaborone bosheng.

Mogokgo o supile fa metshameko e akaretsa kgwele ya dinao, bolotloa le mabelo ka ba kgonne go gapa gouta le selefera. O tsweletse a supa fa baithuti bangwe ba ba tshamekang kgwele ya dinao mo sekoleng seo ba beilwe leitlho ke ditlhopha dingwe tse ditona tsa kgwele ya dinao.

A re le fa sekole seo se aparetswe ke dikgwetlho di akaretsa go ima ga baithuti le tiriso ya dinotagi se tsweletse ka go dira bontle mo metshamekong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Kabo-dimpho

Date : 16 Sep 2015