Breaking News

Monna o atholelwa kgolegelo

16 Sep 2015

Kgotla ya ga mmakaseterata kwa Serowe e atlholetse monna wa dingwaga tse masome a mabedi  kgolegelo ya dingwaga tse di lesome morago ga go lebisiwa molato wa go itseela dikobo ka dikgoka.

Go bolelwa fa Thabo Ookeditse a ne a dira molato oo kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borababobedi ngwaga oo fetileng.

Ka nako ya tiragalo e, mosekisiwa o ne a itekanetse sentle mo tlhaloganyong. E rile a ntsha katlholo, Mmakaseterata Joseline Molifhe a nankola dintlha tse lekgotla le neng le di etse tlhoko fa le tsaya tshwetsho ya go atlhola mosekisiwa.

A re lekgotla le ne la sekegela tsebe gore mosekisiwa ke monana mme e bile ga a ise a ke a dire molato wa petelelo mo nakong e e fetileng.

Mme Molifhe o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba ne ba etse tlhoko mo go ntsheng katlholo gore mosekisiwa o ne a sena ape mabaka a a mo patikang go ka bo a dirile molato oo.

Mosekisiwa o ne a tlhalositse mo tshekong fa a sa itse gore ke eng a lebisitswe molato oo wa petelelo. Katlholo ya petelelo go ya ka melao ya Botswana e ka nna ya dingwaga tse di seng kwa tlase ga lesome kana kgolegelo botshelo jotlhe.

Mo tshekong nngwe, Mmakaseterata Molifhe o ne a atlholela monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa dingwaga tse supa mo kgolegelong .

Se se tla morago ga gore mosekisiwa a bonwe melato e mebedi, wa go tshuba ntlo ya bojang gore e bo e lore le molato wa matshosetsi a go bolaya mosadi le bana ba gagwe ko motseng wa Paje ngwaga o o fetileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Gabosekwe

Location : SEROWE

Event : Tsheko

Date : 16 Sep 2015