Maphata a aga ntlo
15 Sep 2015
Lephata la twantsho matlhoko a leruo le ne le kopane le sekole sa ithutelo tiro ya diatla kwa Bobonong go simolola semmuso tiro ya go agela motlhoki ntlo kwa kgotleng ya Mabumahibidu.
Mogolwane mo ofising ya lekalana la twantsho matlhoko a leruo, Mme Baithamaki Otlaadisa, a re mogopolo o o dule ka banana ba Tirelo Setshaba ba ba direlang mo lephateng la bone.
Mme Otlaadisa a re morago ga go atla mogopolo ba ne ba itshwaraganya le sekole sa ithutelo tiro ya diatla go bona gore mogopolo o o a diragadiwa.
Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole sa ithutelo tiro ya diatla, Mme Masego Morima o ne a supa fa tirisano mmogo fa gare ga sekole sa gagwe le ba lephata le, e le botlhokwa thata ka e gateletse se lefatshe le le ikaegileng ka sone, e leng go nna pelo e e bonang letlhoko la yo mongwe mme e leke go tokafatsa seemo.
O ne a lebogela gore ba lephata la twantsho matlhoko a leruo ba bo ba bone go tshwanela go ikgolaganya le bone, a tlhalosa fa se se neela sekole sebaka sa gore baithuti ba supe se ba ntseng ba se rutwa kwa sekoleng.
Mme Morima o ne a kaya gape fa ntlo e ya dikamore tse pedi, e supa fa sekole sa gagwe ga mmogo le ba twantsho ya matlhoko a leruo ba dirisana mme e bile ba supa maiteko a go dirisana le setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segomotso Basuti
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 15 Sep 2015






