Breaking News

Mapodisi a boloditse letsholo

15 Sep 2015

Ramapodisi a Bobonong, Superintendent Paul Seoko, a re dipalo tsa  batswakwa ba ba gwebang  kwa Bobirwa ka bokukuntshwane di  ile magoletsa.

A re ka jalo ba boloditse letsholo la go tshwara batswakwa ba go nna jalo e bile ba setse ba tshwere ba le masome mararo le botlhano ba ba tswang Zimbabwe.

Rre Seoko o boletse fa bontsi jwa batswakwa ba ba  tshwerweng  ba fitlhetswe ba bereka mo merakeng le mo masimo, fa ba bangwe ba tshwerwe ba gweba mo Bobonong ka dithoto tse di sa  letlelelweng go rekisiwa mo lefatsheng jaaka metsoko le dipilisi tse di thibelang  le go  senya boimana.

Rre Seoko a re  bangwe  ba tshwerwe  ka dithoto tse go belaesegang e le  tsa bogodu ka ba ne ba palelwa  ke go  tlhalosa  kwa ba di tsayang teng e bile  ba se na dipampiri  tse di supang kwa dithoto tseo di rekilweng  teng.

O supile fa  ba ba tshwerweng ba ne ba isiwa fa pele ga lekgotla la Setswana la Bobonong go arabela melato eo, mme ba bonwa melato ya go gweba le go  nna mo lefatsheng leno ka bokukuntshwane mme ba atlholwa makgolo a mabedi a dipula mongwe le mongwe wa bone pele ga ba busediwa gae.

E rile  fa a itebaganya  le banni ba Bobirwa, Rre  Seoko a  tlhalosa fa go thapa motswakwa yo o se nang dipampiri  tse di mo letlang go bereka le go nna mono  e le molato o motho a ka o atlholelwang sekete sa dipula.

 Le fa go ntse jalo, o boletse fa lefatshe la Botswana  le sa  kganele  batswakwa go tla go bereka le go nna mono mme batswakwa ba tshwanetse go sala  ditsamaiso morago  fa ba  batla  go  nna kgotsa go  berekela mono.

Ramapodise o ne a kopa banni go loma mapodise tsebe fa go sa ntse go na le bangwe ba ba sa ntseng ba thapile batswakwa ba ba berekang mono e se ka fa molaong.

O tlhalositse fa letsholo le, le tsile go anamela kwa metseng e mengwe ya kgaolo eno e tshwana le Gobojango kwa seemo se se ileng magoletsa teng, le gore  le tlaa  ema fela fa seemo se bepa. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 15 Sep 2015