Breaking News

Phokoje go tshela yo o dithetsenyana

15 Sep 2015

Mme Omphile Mathoba wa Phase 1 kwa Letlhakane ke mopaki wa gore se a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting. Mme yo, yo o ngwaga tse di masome mararo le bosupa, o itshetsa ka dithini tse di latlhilweng.

O tlhalositse mo potsolotsong bosheng fa a tsoga phakela malatsi otlhe a ya kwa lefelong la matlakala la Letlhakane ka dinao sekgala sa dikhilomithara di ka nna lesome le botlhano mme a boele lwapeng maitseboa.

Mme Mathoba, yo o dirang le bomme ba bararo le rre, a re ba na le tumalano le khamphani ya Can Collectors kwa Francistown. A re ba kgobokanya dithini tse di sa tshujwang ke molelo lebaka la dikgwedi tse tharo mme e re ya boraro e ya fifing Can Collectors e tle go di tsaya .

O tlhalositse fa ba papiela dithini tse, ba dire ditena ka tsone e re ka nako ya fa di tsewa di kalwe mme ba bone dikatso go ya ka bokete jwa tsone. Mme Mathoba yo o tlhotsweng ke lekwalo la boraro, a re o apesiwa a bo a jesiwa ke madi a dithini.

 A re o eletsa go ipona a kgonne go ithekela motshine o o kalang ditsiri le o o di olelang mo koloing ya mogobagoba ka o ka dira madi a a botoka. Fa  a tswa lefoko la kgothatso, Mme Mathoba a re banana ba tlogele mokgwa wa go bolawa ke tlala ba emetse atlhama-ke-go-jese go tswa kwa pusong. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Tachila Kayawe

Location : Letlhakane

Event : Potsolotso

Date : 15 Sep 2015