Mokgatho o abela baithuti
15 Sep 2015
Mokgatlho wa Circles of Support o abetse baithuti ba le bane paka ya sekole. Rre Modiredi Khumo yo o tswang kwa ofising ya ba sepodisi sa pharakano a re Botswana o na le matshego fela a le supa a a tshwanetseng go bo a setse a fitlheletswe ka ngwaga wa 2016 ka jalo ba leka bojotlhe go thusa setshaba.
A re ba ikopantse go tswa mo maphateng ka go farologana ba tlhopha bana ba ba lemogileng ba na le botlhoki gape bo ka ba kgoreletsa go ithuta gore ba ba rekele paka ya sekolo.
A re paka e, e dira pharologano mo botshelong jwa bana a tlatsa ka gore “go sego lebogo le le abang go na le le le amogelang” .
E ne ya re a akgela modulasetilo wa mokgatlho o, gape e le morutabana Mme Queen Mmipi a re ba ne ba kgona go kgobokanya madi a a kana ka makgolo a robabongwe le masome a mane.
Ba rekile mesese e mebedi ya sekole, dikausu di le robabobedi, para tsa ditlhako tse nne, marokgwe a mabedi le dihempe tse pedi tsa sekole.
Mme Mmipi a re bana ba ba abetsweng ba ke bana ba ba botlhale fela thata mo sekoleng, maduo a bone a a kgatlhisa, ka jalo ba bone go le maleba gore botoka fa ba ka nna le paka ya sekole ba tlaa fokotsa go lofa, ka gore ba tla bo ba tshwana le ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Precious Bonang
Location : Letlhakane
Event : Kabo dimpho
Date : 15 Sep 2015






