Rachele o ikaelela go itlhoma kwa setlhoeng gape
15 Sep 2015
Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Rachele kwa Kanye, Mme Patricia Nkgelepang, a re ba eme malala a laotswe go sireletsa maemo a ntlha a ba a gapileng mo ditlhatlhobong tsa ngwaga o o fetileng tsa lekwalo la bosupa.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Nkgelepang a re ba gapile maemo a ntlha mo kgaolong ya Borwa ka masome a robabongwe le boraro mo lekgolong. O tlhalositse fa ba na le tsholofelo ya gore setlhopha sa monongwaga sa lekwalo la bosupa se tlaa dira fela jaaka sa 2014.
Mme Nkgelepang a re maduo a mantle ao, ba a bone fa ba supologa mo go a masome a matlhano le bosupa ka 2013.
Mme Nkgelepang a re sekole sa Rachele gape se ipela ka morutabana wa setlhopha sa lekwalo la bosupa sa ngogola ebong Mme Moratwe Ramantsima yo le ene a neng a fiwa tlotla ya morutabana yo o gaisitseng mo kgaolong ya Borwa.
O tlhalositse fa lephata la thuto le ne la lemoga Mme Ramantsima morago ga seabe sa gagwe mo maduong a sekole seo a 2014, ka jalo lephata la bona go le maleba go mo phophotha legetla.
Mme Nkgelepang a re le ngwaga ono gape ba ikaelela go ipoa seboaboane. A re se, se tlaa netefadiwa ke tshwaragano ya batsadi le sekole, barutabana ba ba ititeileng sehuba ga mmogo le baithuti ba ba nyoretsweng phenyo. Mme Nkgelepang o tsweletse a re tirisano e e popota ya batsadi le sekole e kgontsha sekole go itebaganya ka botlalo le dikgwetlho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Sentle
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 15 Sep 2015






