Kgomo ke mokwatla wa itsholelo ya Ghanzi
15 Sep 2015
Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, a re kgomo ke mokwatla wa itsholelo ya banni ba kgaolo ya Ghanzi. A re banni ba dirisa kgomo go duelela bana dikolo, tsa botsogo le go tsamaisa matshelo a bone.
A re mohama wa thuo ya kgomo o nna thata ka tlhwatlhwa ya kgomo e sa gole mme se se ketefalela Batswana ka ba itshetsa ka go rekisa kgomo go inamola mo dikgwetlhong tsa botshelo.
Mopalamente a re fela jaaka banni ba Ghanzi ba ne ba mo romile go isa matshwenyego a bone kwa palamenteng mabapi le thuo ya kgomo, a re o setse a dirie jalo ka go bua le dikomiti tse di farologaneng tsa palamente le go bua ba matlhabelo a Botswana Meat Commisssion.
A re o kopile gore go fiwe barui diteseletso tsa nakwana go rekisa dikgomo tsa bone kwa ntle ga lefatshe leno puso e santse e batla tharabololo ya mathata a mohama wa thuo ya kgomo, mme a re kopo ya gagwe e ne ya seka ya atlega.
Go itebaganya le seemo seo go ya pele, Mopalamente Salakae a re o ne a kopa gore puso e bule mmaraka wa go gweba ka kgomo le ditsa yone fela jaaka mehama e mengwe ya itsholelo e tshwana wa diteemane le ya tsa ditlhaeletsano. A re go dira jalo go tlaa tlisa phadisano mme Motswana o tlaa nna le sebaka sa go ikgethela kwa a ka rekisang kgomo ya gagwe teng a lebeletse ditlhwatlhwa tsa mmaraka mme a re ga ba a dumalana gape mo ntlheng e.
A re lekalana la BMC le le filweng dithata tsa go tsamaisa mohama wa nama ba kopile gore ba fiwe sebaka go dira ditshekatsheko mo mohameng wa nama le ka go rekisa ko ntle ga lefatshe leno mme ba tlaa ntsha pego mo bogautshwaneng go supa gore mohama wa nama o tsamaya jang mo lefatsheng leno.
Mopalamente o ne gape mo phuthegong eo a supa fa a tshwentswe ke nnotagi le go nwa phetelela ga banni ba kgaolo ya Ghanzi.
O kopile banana go ikgapha mo tirisong ya bojalwa mme ba ipope ditlhopha go akola mananeo a puso le go itshimololela dikgwebo e le tsela ya go itlhamela ditiro. O kopile dikereke go tshwaragana mme ba thuse bao ba ba amegang mo nnotaging go ikgapha, mme ba inaakanye le dikereke .
O solofeditse banni ba kgaolo ya gagwe gore o tlaa tswelela ka go kopana le maphata a puso e le tsela ya go bona gore banni ba bona dithuso go tswa mo maphateng a puso.
Mme o ne a akgola tirisano ya sepodise sa Ghanzi a rotloetsa morafe go ema sepodisi nokeng gore se kgone tiro ya sone ya go sireletsa Batswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : Ghanzi
Event : Phuthego
Date : 15 Sep 2015






