Debswana e abetse sekole sa Motsumi madi
15 Sep 2015
Debswana e abetse sekole se segolwane sa Motsumi P75 000. Mogolwane wa sekole seo, Mme Monica Molapisi a re ba ya go reka metshine e e ntsifatsang dipampiri.
O rurifaditse fa ba ne ba na le letlhoko le letona fa e sale ka ngwaga wa 2012 fa motshine wa bone o o ntsifatsang dipampiri o senyega. A re ba ne ba tshela ka go kopa mo dikoleng tse di gautshwane jaaka Mopipi, Orapa le Ditsweletse mme dinako tse dingwe ba ne ba ya go kopa kwa Serowe le Francistown.
Mme Molapise o supa fa letlhoko le, le ne le sa ba robatse ka gore dinako dingwe bana ba ne ba kwala diteko tsa bone ka nako e e sa beiwang fa gongwe ebile di tlosolosiwa, go bakwa ke gone gore ba ne ba kopa dithuso mo dikoleng tse dingwe.
Mme Monica Morupisi a re metshine e e gatisang dipampiri e mene mme e kgaogantswe, ka diofisi tse nne.
Mogolwane yo a re ba leboga Mma Nthomiwa yo e leng morutabana wa tsa maranyane mo sekoleng sa bone, ka ke ene yo a neng a ba eteletse pele, a ba emetse go tsamaisa dipuisano gare ga Debswana le sekole.
Mogolwane wa sekole a re e ne ya re morago ga go reka tse tsotlhe kwa lebentleleng la Canon kwa Francistown ba ne ba salelwa ke dikete tse supa P7 000 tse e eleng gore ba dumelane le lebentlele gore e nne one a ba tlaa a dirisang fa ba batla go baakanyediwa metshine.
Mme Molapisi o ne a leboga Debswana go menagane, e bile a re sekole ga se na go dirisa metshine se le nosi, ka gore o itse gore botlhoki bo kae mo kgaolong ya dikole tsa Boteti.
A re metshine e tlaa thusa go tokafatsa maduo a bana a sekole, ka jaana gompieno go tlaa bo go sena sepe se ba ka ipatang ka sone,a re sengwe le sengwe se tlaa dirwa ka nako. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Precious Bonang
Location : Letlhakane
Event : Kabo dimpho
Date : 15 Sep 2015


