Lorato le thotloetso di aga bagaka
14 Sep 2015
Mmoloki Baganetseng wa Mopipi o dumela fa a tlaa emisiwa ke boleele jwa magodimo mo motlhaleng wa gagwe wa khumo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o tlhalositse fa lerato la gagwe la thuo le tlhotlheleditswe ke gore batsadi ba gagwe e ne e le balemi-barui ba popota.
Ka motsogapele a rile tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, se sa dira gore le ene a dire bontle mo dithutong tsa gagwe tsa temo-thuo.
A re o thusitswe ke lephata la banana, metshameko le ngwao ka lenaneo la Out-of-School grant ka 2007. A re pele ga go thusiwa ka madi ao, o ne a direla khamphani ya Letshego e a e diretseng dingwaga tse pedi mme a sa kgotsofalele dituelo, ka jalo a lemoga fa a tshwanetse go sala se a se ratang morago.
Mmoloki o simolotse ka dihutshane mme ya re a ntse a tsweletse a kabakanya kgwebo ya gagwe ka dikoko tsa Orpington le dikgomo.
Le mororo a itumelela kgwebo le dipoelo, Rre Baganetseng o supile fa dijo tsa leruo di tura bobe ka e bile dipula di sa ikanyege di kgona go baka tlhaelo ya dijo, jalo a tle a tlhoke kgoro ya botso ntle le go patelesega go reka. Morui yo o supile fa thuo e le botshelo jwa gagwe e bile a le motlotlo go jesa setshaba.
‘’Ke rata thuo ka pelo ya me yotlhe e bile ke yone ofisi yame, banana bangwe ba re thuo ke tiro e e tlatsang leswe mme nna ga ke bone jalo, ke bona e le go direla lefatshe dijo.”
Mmoloki a re gore temo-thuo e bo e tsaya maemo a boraro mo go direleng lefatshe madi le go le tlhabolola go supa fa e le mosola thata, ka jalo e tshwanetse ya nna selo se Batswana ba inaakanyang le sone ka bontsi le botswapelo. A re bareki ba gagwe ke lephata la temo-thuo ka fa tlase ga lenaneo la LIMID le nyeletso lehuma, ba marekisetso a nama le ba Senn Foods. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : Mopipi
Event : Potsolotso
Date : 14 Sep 2015


