Breaking News

TB e tlhoka seabe sa botlhe

14 Sep 2015

Lekalana la National TB Programme mo Gaborone le ne le tshwere dikgaisanyo tsa metshameko ya bodiragatsi bosheng. Maikaelelo e ne e le go lemotsha setshaba botlhokwa jwa go nna le seabe mo go gaseng molaetsa ka bolwetse jwa kgotlholo e tona (TB).

Mogolwane wa botsogo, Rre Setshwano Mokgweetsinyana o boletse fa maikarabelo a molwetse mongwe le mongwe wa kgotlholo e tona e le go netefatsa gore o tsaya kalafi go ya ka fa a laetsweng ka teng ke ba bongaka. 

A re molwetse o tshwanetse go tsena mo kalafing ya dikgwedi tse thataro kgotsa kgwedi tse di lesome le borobabobedi kana go feta fa e le kgotlholo ee dingalo.Rre Mokgweetsinyana o rotloeditse setshaba go supa tshwaragano, boitshoko le lorato mo go lwantsheng TB, a re se se tshwanetse go bonala mo matshelong a letsatsi le letsatsi. 

Maikaelelo a dikgaisano tse, ke go ruta setshaba ka bolwetse jwa kgotlholo e tona le mogare wa HIV ga mmogo le dikgang tse di amang TB le HIV, go lemotsha setshaba botlhokwa jwa go itlhatlhobela TB, le gone go rotloetsa setshaba go dirisanya le ba botsogo go lwantsha TB. 

Dikgaisanyo tse di tshwarwa ngwaga le ngwaga, mme monongwaga di ne di tsenwe ke dikokelwana tse di robang bobedi le dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgaolwana tse di farologanyeng tsa Gaborone. 

Maemo a ntlha a ikgapetswe ke Broadhurst Traditional Area, BTA Clinic ba ba ikgapetseng kopi le dibeke; a bobedi a tserwe ke Gabane Clinic ba ba ikgapetseng dikhukhu, fa a boraro a ile kwa go ba Sebele Clinic mme ba ikgapetse dibeke. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bontle Keipeile

Location : Gaborone

Event : Dikgaisano

Date : 14 Sep 2015