Nkwenkgoga e kopa kemonokeng
14 Sep 2015
Setlhopha sa Nkwenkgoga se kopa setshaba go ba ema nokeng mo go lwantsheng borukutlhi. Nkwenkgoga ke setlhopha sa baithaopi ba thwantsho borokutlhi ga mmogo le mapodisi le dikgosi tsa Mokgomane, Metlojane, Cwaanyaneng, Tswagare, Mosi le Madingwane.
Ba kopile batsadi go ba thusa bana, ba re fa batsadi ba ka emisa go bipa mpa ka mabele ba ka kgona go fokotsa borukutlhi.
Ba re batsadi bangwe ba didimala fela fa bana ba tla ka dithoto, ba bona go siame fela ntswa ba itse sentle gore bana bao ga ba dire e bile ga go na kwa ba ka tsayang dithoto tsa go nna jalo teng. Kgosi Hebert Ikgopoleng wa Cwaanyaneng, yo e leng modulasetilo wa setlhopha se, a re fa batsadi ba ka tswelela ka go mpampetsa ga ba kake ba kgona letshego la tebelopele la setshaba se se sireletsegileng.
A re ba ka kgona letshego le fela fa ba ka fetola maitsholo ba nna seopo sengwe le bone. Ba kopile batsadi gore ba seka ba letlelela ope yo ba sa itseng kwa a tswang teng go nna le bone ba sa begela ba bogosi.
Ba re batsadi ba lesa bana, bogolo jang ba basetsana ba tla ka ditsala tsa borre mo malwapeng ba sa itse kwa ba tswang teng, selo se ba reng se gakatsa borukutlhi. Ba re golo mo go ba ketefaletsa maiteko a go lwantsha borukutlhi ka e bile ba sena ditlamelo tse di lekaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : Mokgomane
Event : Potsolotso
Date : 14 Sep 2015






