Kgosi o kopa banyalani go ilela nyalo
14 Sep 2015
Kgosi Tlhabologo Boima wa Mmadikola a re dikgang tsa go thubega ga malwapa di ile magoletsa. Kgosi Boima o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re go lebega fa boleng jwa nyalo bo tsweletse ka go wela tlase mme se se bakwa ke banyalani ba ba sa tlotleng malwapa a bone.
A re go tlhoka morero ga banyalani go na le seabe mo go thubeng malwapa.
“Rre o kgona go tsaya dilwana mo lwapeng a di rekisa mosadi a sa itse mme e re fa a botsa a bo a mo keteka.”
A re o lemogile gore batsadi ga ba fe bana ba bone molao o o lolameng wa lenyalo. A re bogologolo banyalani ba ne ba tlhalosediwa fa nyalo e se ‘mme mphe bogobe,’ ka jalo go batla batho ba ititeile sehuba gape ba ikemiseditse go emela dikgwetlho tsotlhe go fitlhelela ba kgaoganngwa ke leso.
A re kgokgontsho ya bomme le bana e golela pele mo go felelang go baka gore bomme ba tlogele malwapa. Kgosi Boima o gateletse fa tsosoloso ya serodumo sa nyalo le go fokotsa dipalo tsa tlhalo di ka kgonagala fa banyalani ba ka fetola boitshwaro le go sala morago ngwao ya Setswana. Ends
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : Shoshong
Event : Mmadikola
Date : 14 Sep 2015






