Zola ke sekai sa go dira ka natla
14 Sep 2015
Bontsi jwa banni ba Letlhakane ba mo itse ka leina la Zola. Go ya ka Rre Zola Zaba yo o tlholegang kwa Mahalapye, le fa a bokwa jaana, e ne e se tsela e e motlhofo go nna se a leng sone mo nakong ya gompieno. O tlhalosa fa mosepele wa gagwe mo kgwebong o simolotse ka 1995 kwa Mahalapye e le mmelara mme ya morago a tlogela theko le thekiso ya dikgomo a le lebisa kwa Letlhakane.
“Ke ne ke le motho yo o pelo telele e bile ke na le lerato mo kgwebong, ka jalo e ne ya re ke tsena mo Letlhakane ka simolola go reka diaparo kwa Aferika Borwa ke di rekisa,” ga tlhalosa jalo Rre Zaba.
Tsela ya ga Rre Zaba e ne e se boreledi jaaka bontsi bo ka akanya. Mo potsolotsong bosheng, o tlhalositse fa a ne a tlogela kgwebo ya diaparo mme a tsena mo go ya khombi.
“Zola Express e ne e tsamaya tsela ya Letlhakane le Palapye, sebe sa phiri ya nna gore khombi e, e ne e se na teseletso ya go rwala setshaba,” a tlhalosa jalo.
Botshelo jwa Zola Express e ne ya nna jwa dingwaga tse pedi. Rre Zaba a re o ne a tshwara ka natla go jesa ba lapa la gagwe, selo se a boletseng fa se tlhaela mo bananeng ba gompieno.
O tlhaolositse fa katlego ya gagwe e kgolo e gorogile ka 1990 fa a tsena mo kgwebong ya go baakanya diromamowa.
Kgwebo ya go baakanya diromamowa e ne ya mo fa dipoelo tse di nametsang ka a ne a kgona go bula marekisetso a dijo le mesokelatsebeng ya setshaba kwa Letlhakane le Shoshong. Rre Zaba o tlhalosa gore mo nakong eo mohumagadi wa gagwe o ne a berekela mo lephateng la tsa kago mo khanseleng ya Boteti mme ba tiro ba ne ba mo fudusa go ya go berekela kwa Gumare.
Kgang ya go kgaogana le mosadi ya seka ya mo jesa monate mme a tsaya tshwetso ya gore mosadi a tlogele tiro ba tshwaraganele kgwebo. Mo nakong eno ba le bantsi ba setse ba gakologelwa magwinya a ga Mma Zola.
Boora Zola ba ne ba simolola go reka ditsha mo baaging ba Letlhakane ba mo nakong eo ba neng ba eletsa go fudugela kwa mafelong a sele.
A re bontsi jwa batho ba ba ne ba batla go fudugela kwa metseng e e bapileng le Letlhakane jaaka boMokobaxane, Xhumo le Rakops. O ne a reka ditsha tse ka go ba agela matlo mo mafelong a a farologanyeng.
Mo nakong ya gompieno Zola to Zola Complex e ikadile le Letlhakane e bile e thusa puso mo go tlhameleng Batswana ditiro ka mo nakong eno e thapile Batswana ba ka nna sekete.
Rre Zaba o tlhalosa fa kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho mme go ya ka ene kgwetlho e tshwanetse ya tiisa mogwebi moko go na le go mo kgoba marapo. A re keletso ya gagwe ke gore bogogi jwa motse bo ba fe sebaka sa go ruta setshaba ka tsa kgwebo mo diphuthegong tsa kgotla le go ba laletsa fa go na le baeng ba tshwana le mapalamente le matona a puso.
O ne a gakolola banana gore, “madi a simolola mo go Thebe gore e tle e nne sekete sa dipula, ka jalo banana ba tshwanetse ba somarela bonnyenyane jo ba nang le jone ka dinako tsotlhe.”
O gakolotse banana gape go tsepama mo selong se le sengwe ka nako go itsa go farafarwa ke ditiro.
O ne a fa sekai ka phiri e e neng ya kgaogana ka bogare ntateng ya bopelotshetlha. A re ene o itebagantse le tsa dikago e bile botshelo jwa gagwe bo ya go felela mo tirong eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oageletse Modirwagale
Location : Letlhakane
Event : Potsolotso
Date : 14 Sep 2015






