Paakanyetso boipuso e tsweletse sentle
14 Sep 2015
Banni ba Shoshong mo kgaolong potlana ya Mahalapye ba tshwere ka natla go baakanyetsa letsatsi la boipuso. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, morulaganyi mogolo, Rre Oki Otlogetswe o supile fa dipaakanyo di tsweletse sentle kwa makgotlaneng ka go farologana.
A re e tlaare kwa morago botlhe ba tle go thusa kwa kgotleng kgolo ya motse. A re banni ba tsweletse ka go phepafatsa dikgotlana tsa bone.
A re e tlaare morago ga palo ya molaetsa wa ga Tautona ka letsatsi la boipuso, batsena moletlo ba fudugele kwa lebaleng la metshameko kwa ditiragalo tsa letsatsi di tlaa tshwarelwang gone. A re mono ngwaga moletlo o a go nna pharologanyo ka ba tsentse le ngwao mo teng.
Rre Otlogetswe gape o supile fa go na le dijo tsa setso e le sekao sa ngwao ya Batswana pele ga ba tsaya boipuso.
Gape o supile fa go tlaa nna le dikgaisanyo tsa metshameko ya setso e bong mhele, koi le morabaraba. O boletse fa mmino wa setso e le ntlha nngwe e ba e dirisang go tsosolosa ngwao ga mmogo le go ruta banana ka ditso tsa lefatshe leno.
Rre Otlogetswe boletse fa keletso e le go bona banni ba Shoshong ba apere diaparo tse di tlaa supang sekao sa letsatsi leo.
Dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao le mabelo a dibaesekele le tsone di tlaa natetsha letsatsi leo. E tlaa fa ba tlaa tshwara maitiso a mmino wa segompieno go kgobokanyetsa moletlo madi. O supile fa ba laleditse badiragatsi ba ba akaretsang Tyte, Makolwane a Tantabana, DJ Phazz, Tsarabutsere le ba bangwe.
Rre Otlogetswe a re maikaelelo a maitiso a gape ke go tsenya mowa wa boipuso mo bananeng ka go supega fa ba sa tsenel meletlo e. A re le gale ba setse ba supile ka dipalo tse di nametsang fa ba tlaa tsaya karolo mo go baakanyetseng letsatsi la boipuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogomotse Johannes
Location : Shoshong
Event : Potsolotso
Date : 14 Sep 2015






