Breaking News

Go tenega go borai - mogolwane

14 Sep 2015

Dipatlisiso di supa fa go kukega ga maikutlo go ka bakela motho bolwetse jwa pelo le madi a matona. Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa khansele potlana ya Palapye, Rre Koti Molefi, fa a bula thutopuisano ya malatsi a mabedi ya tsa botsogo mo tirong  kwa Palapye.

Rre Molefi a re go tenega mo go feteletseng go tlhakatlhakanya maikutlo mme go ka tsisa letshogo, bogale kgotsa go sa diriseng puo e e amogelesegang.

Rre Molefi a re go botlhokwa gore bodiredi bo nne bo itekanetse, bo wetse maikutlo ka dinako tsotlhe gore bo kgone go ntsha maduo a a amogelesegang, go na le go bereka ka tenego ka seo se ka digela maduo tlase.

A re go tenega go kgoreletsa tirisano mmogo e e lolameng fa gare ga bodiredi, mme a kopa badiri gore ba ele tlhoko gore ga ba tsene mo seemong se se ka ba bakelang bolwetse ka ntata ya tenego e e feteletseng.

Rre Molefi a re tenego e mefuta e bile e tla ka ditsela tse di farologanyeng, mme fela kwa bofelong e tlhoka gore ene yoo o tenegang a ithute go laola maikutlo a gagwe, segolo jang batho ba ba kokotletsang botlhoko.

A re fa motho a tenega o a bo a tlhophile gore o batla go tenega, a bo a nna le mokgwa wa maikutlo a a sa laolesegeng fela ka gore dinako tse dingwe o tshaba go tsaya boikarabelo a bo a dirisa maikutlo a tenego gore a mo sireletse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Thuto puisano

Date : 14 Sep 2015