Mosele wa pula o epiwa go sa le gale
15 Sep 2015
Mogolwane mo lephateng la dijwalo, Mme Keatametse Ntutu, a re le ntswa letsema la 2014/2015 le ne le faraferwe ke dikgwetlho, se ga se a tshwanela go kgoba balemi marapo.
Fa a bua kwa phuthegong ya balemi kwa masimong a Kgwatalala bosheng, Mme Ntutu o ne a tlhalosa fa ngwaga o o fetileng o ne o se na pula, ka jalo balemi ba ne ba seka ba roba ka fa ba neng ba solofetse ka teng. O tlhalositse fa se e le nngwe ya diemo tse molemi a tshwanetseng godi solofela.
Mme Ntutu a re e re ka pula e simolotse go na, ke nako ya gore balemi ba ipaakanye. O tlhalositse fa puso e simolodisitse mananeo jaaka ISPAAD ka maikaelelo a go tokafatsa temo.
O ne a tlatsa ka go re se se ka kgonega fa balemi ba inaakantse le balemisi. Mme Ntutu o ne gape a gatelela botlhokwa jwa go nna teng ga molemi kwa masimo ka nako ya temo go netefatsa gore o lemelwa ka fa a eletsang ka teng.
A re go dira tse di tshwanetseng jaaka go leta le go tlhagola go ka thusa go ntsha thobo e e botoka, a tlhalosa fa se gape se gatelelwa mo ditsetlaneng tsa lenaneo la ISPAAD. Fa ba tswa la bone, balemi ba ne ba ngongoregela tlhaelo ya diterekere.
Balemi ba ne ba sedimosa fa bothata jo bongwe jo ba kopanang le jone e le dikgomo tse di sa laolesegeng ka barui ba di bulela bosigo mme di bake tshenyo mo masimo. Mme Ntutu o ne a tsibogela matshwenyego a ka go kopa tirisano mmogo magareng ga balemi. O ne gape a gwetlha balemi go nna le komiti e ka yone ba tlaa tswang ka methale ya go tokafatsa temo. Ends
Source : BOPA
Author : Segomotso Basuti
Location : Bobonong
Event : Phuthego
Date : 15 Sep 2015






