Mmatla kgwana ya ga gabo...
14 Sep 2015
E ne ya re go bona bontsi jwa banana ba aperwe ke lehuma, puso ya tla ka mananeo a a farologaneng ka maikaelelo a go le nyeletsa. Rre Jonah Tsheto wa Sefhare mo kgaolong ya Legare ke mongwe wa banana ba ba neng ba iketleeletsa go ikopela dithuso.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Tsheto a re o ne a tsaya ka tlhwaafalo lenaneo la puso le le thusang banana ka madi go simolola dikgwebo la Youth Development Fund. O kaile fa difomo tsa ikopelo di se motlhofo mme di batla motho yo o ititeileng sehuba go dira kgwebo.
A re lephata le ne la mo neela madi a a neng a kopile ntle le tiego epe.
“Madi ao a ne a nthusa go reka tse di tlhokwang ke kgwebo jaaka matlalo, metshine le mealo ya ditlhako le tse dingwe,” o tlhalositse jalo.
Rre Tsheto a re o ithutetse go roka le go dira ka matlalo kwa lephateng la matlhoko a leruo kwa Mahalapye. E rile a sena go fetsa dithuto, o ne a roka fela mo lapeng a dirisa dithoko tsa Setswana.
Rre Tsheto o ne a rokela ba masika le batho ka go farologana, bogolo thata ba ba itseng fa a ithutetse go dira ditlhako. Le fa go ntse jalo, a re fa a sena go newa madi a lemoga fa mmaraka o le kwa tlase kwa Sefhare, mme a fudugela kwa Mahalapye.
A re o ne a ikopanya le ba sekole sa tiro ya diatla sa Madiba a kopa go dirisa dikago tsa bone, mme bogogi jwa sekole seo jwa dumela go mo thusa.
O supile fa a dira ditlhako ka mefuta, mme a re pele ga a ka dira ditlhako o tshwanetse a tshwantsha se se batlwang ke bareki gore ba kgotsofalele tse ba di batlang. Rre Tsheto a re maikaelelo ke go kopa madi kwa CEDA go godisa kgwebo. O hirile babereki ba le babedi mme keletso ke go thapa ba le bantsi fa a ka fiwa madi ke ba CEDA ka gore kgwebo e tlaabo e dira dithoto tse dintsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogomotse Johannes
Location : Sefhare
Event : Potsolotso
Date : 14 Sep 2015






