Breaking News

Ipelegeng e rotloetsa bophepa

14 Sep 2015

Baokamedi ba lenaneo la Ipelegeng mo Shoshong ba le kgaogantse ka dikarolwana di le tharo tse di itebagantseng le ditiro di le mmalwa go akarediwa go tlhokomela le go phepafatsa tikologo. Green Scorpion e e leng nngwe ya dikarolwana tse, e itebagantse le go bona gore motse le tikologo di phepa.

Mo potsolotsong le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Shoshong wa kgotla ya Bokaa Rre Emmanuel Thipe a re ba dirisa Green Scorpion go ruta banni ba motse ka botlhokwa jwa go phepafatsa tikologo e ba nnang mo go yone, go akarediwa malwapa a bone.

A re se sengwe gape se ba se dirang ke go ba lemotsha mekgwa e e siameng ya go tshwara le go latlha matlakala.

Rre Thipe a re se ba se dira ka go tsena ntlo le ntlwana, ka ba lemogile fa batho ba sa tseye matsapa go phepafatsa malwapa a bone. A re tiro e, ba e dira ba tshwaragane le ba lephata la tlhokomelo tikologo, ka bone ba na le botsipa jo bo tseneletseng e bile ba na le dithata tsa go diragatsa molao fa go nang le tlolo teng.

Go tswa kwa lephateng la tikologo, Rre Mogomotsi Moletsane o supile fa le bone ba tshwentswe ke seemo sa matlakala se se sa iketlang mo motseng.

A re ba a tle ba ye go ruta morafe ka mosola le mekgwa e e siameng ya go latlha matlakala mo diphuthegong tsa kgotla. A re matlakala a tshwana le dipampiri le metseto ya bana e e latlhwang ke one a a tshwenyang thata, ka o fitlhela a tletse gongwe le gongwe.

O weditse ka gore ba rotloetsa batho go kwadisa ditanka tsa matlakala le ba khansele gore ba ne ba tla go tseelwa matlakala.  A re fa matlakala a tsentswe mo dipolasetekeng a gagolwa ke diphologolo a bo a gasama. A re gape o rotloetsa batho go emisa mokgwa wa go tshuba matlakala ka go dira jalo e le tlolo molao e bile go otlhaelwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boitshepo Setogile

Location : Shoshong

Event : Potsolotso

Date : 14 Sep 2015