Breaking News

Bomme ba betlela bana bokamoso

13 Sep 2015

Bomme   ba Bobonong    ka   bontsi   ba    simolotse   go  emela  thuto  ya  bana  ba bone  ka   dinao   ka  maikaelelo  a go  ba  direla  bokamoso. Bomme    ba  supile   se, ka go tsenelela    motshelo  o o  pharologanyo,  o ba    kokoanyang  madi   kgwedi   le  kgwedi   mme  a   kgaoganngwe  ngwaga  o   fela.

Madi  a, a dirisiwa  go rekela  bana  paka  ya sekole le go  duelela  bana tsotlhe tse ba di tlhokang mo thutong.

Bomme  ba ba supile  fa ba na le melao  e e  tsamaisang  motshelo o gore madi  a a  kokoantsweng  a dirisiwe mo go se a se kokoanyeditsweng  ebong  go dirisiwa mo thutong  ya  bana fela eseng sepe gape.  

Moeteledipele  wa  setlhopha    sa  bomme  ba ba  lesome  sa    Mabogo  Dinku  a  Thebana,  Mme Segolame  Mothusi   a re   maloko  a  bone  a  ntsha  makgolo   a   mabedi  a  dipula  kgwedi  le  kgwedi   mme   ba  kgaogane  madi  a a  kokoantsweng  ngwaga  o fela   ka  kgwedi   ya  Sedimonthole.

Mme   Mothusi   o tlhalositse  fa  ba  simolotse  motshelo o ba  sena  go  lemoga  fa  malwapa  ka  bontsi  a sa  kgone  go  ipolokela  madi  mo  o  fitlhelang  go  baka  gore  lelwapa  le  felele   le le   mo   dikolotong   segolo   jang   ka  nako   ya  keresemose  le ngwaga o mosha. 

A re ka nako e malwapa  a dirisa  madi a mantsi mo ditirong di sele   mme  a palelwe  ke go rekela  bana  paka  ya sekole le  didirisiwa tsa go ithuta fa ngwaga o simologa.

Mme  Mothusi    a re setlhopha se tokafaditse  itsholelo  ya  malwapa   a bone  fela  thata  ka  ba  kgona   go  reka  tse di  tlhokwang  ke  thuto ya  bana  ba bone.

Setlhopha   se sengwe sa  bomme  ba ferabongwe  se sone se   bidiwang  Emang  Basadi  le sone se  inaakantse   le  motshelo  wa   mofuta  o. Moeteledipele   wa   setlhopha   se   Mme  Agnes  Goitsemang    o   tlhalositse  fa  mo  motshelong  wa  bone  ba   ntsha  lekgolo  le masome a matlhano a  dipula  leloko  lengwe  le  lengwe   a re le bone fela jalo  ba kgaogana  madi a  ngwaga o fela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 13 Sep 2015