Breaking News

Bane ga a ipone tsapa

13 Sep 2015

Rre mongwe wa Lerala mo kgotlaneng ya Mathalagane ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponeng tsapa go ka itirela ka diatla gore a kgone go oba letsogo le gone go tlhabolola fa a nnang teng. A re le fa  ntswa puso e ntshitse mananeo  a go ka thusa go nyeletsa lehuma mo Batswaneng se ga se ree gore ope yo o nang le bokgoni a phuthe matsogo fela a emele go fepiwa.

Rre Kelefitlhetse Bane yo o dingwaga tse di masome matlhano le bosupa a re o sale a supa kgatlhego mo go rokeng a santse a le monnye e bile o supile gape fa a sa rutwa tiro eo ke ope.

Mo potsolotsong le BOPA, Rre Kelefitlhetse o tlhalosa fa a ne a tsena mo kgwebong ya go roka dingwaga tse tlhano tse di fetileng morago ga go anywa botsipa jwa go roka mo go mmaagwe.

Rre yoo o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe ya go roka a e direla mo lwapeng. A re nako ya fa a simolola tiro ya go roka o ne a itirela fela mo lwapeng se e le nngwe tsela ya go intsha bodutu mme a sa bone fa se se ka fetoga go nna kgwebo.

Rre yo o roka diphate ka dikgetsana tsa phaleche le tse di tsenyang bopi jwa borotho, o tsenya dibata mo marokgweng, o kgona le go fokotsa diaparo, o tsenya gape le dizipi.

Gape o na le botsipa jwa go baakanya metshine e e rokang fa e sa bereke sentle. A re o kgona gape le go roka diaparo ka go farologana fela fa motho a itshegetse mosego o ene a o batlang. Rre Bane a re tlhwatlhwa ya diphate tsa gagwe e simolola ka masome a marataro le dipula go ya kwa go tse di makgolo a mabedi a dipula go tswa fela gore o batla ya selekanyo se se kae.

O supile fa kgwebo e tsweletse sentle e bile batho ba supa kgatlhego e e kwa godimo tebang le se a se dirang ka go reka le go tsisa diaparo kwa go ene gangwe le gape.

O tlhalositse gape fa lemmenyana le a le bonang le kgona go mo thusa go ora molelo wa mariga ene le ba gaabo.

Mme fela a re kgwetlho e kgolo e a kopanang le yone ke ya letlhoko la lefelo le a rokelang mo go lone ka jaana mo nakong eno a rokela fa ntle mo lwapeng, selo se a boletseng se ka baya kgwebo ya gagwe ka fa mosing.

O kaile fa selo se, se ka seke se mo kgobe marapo ka a na le keletso ya go bona a na le lefelo le a tlaa direlang mo go lone. Le fa go ntse jalo Rre Bane o ne gape a gwetlha bao ba ba maoto a tshupa go itirela ka diatla gore le bone ba tle ba tokafatse matshelo a bone. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Onalethata Malete

Location : Lerala

Event : Potsolotso

Date : 13 Sep 2015