Kereke e tsaya karolo go lwantsa bolwetse jwa AIDS
13 Sep 2015
Ba kereke ya Ebenezer Christian Church of Zion bosheng ba ne ba kokoana kwa diofising tsa lephata la dipasa, mesepele le boagedi mo Bobonong go tshwara merapelo e maikaelelo a yone e leng go rapelela bolwetse jwa AIDS. Fa a bua kwa merapelong, Arch Bishop Ookeditse Setlhantsweng o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le seegetse kgwedi ya Lwetse go rapelela bolwetse jwa AIDS.
O tsweletse a tlhalosa fa Tautona a kopile dikereke ka go farologana go ema ka dinao go rapelela bolwetse joo.
O supile fa mmele wa motho e le tempele ya Modimo fa moya o o boitshepo o nnang teng ka jalo a rotloetsa batho go somarela gammogo le go tlhokomela mebele ya bone.
Rre Setlhantsweng o kaile fa lekwalo la Bakorintha wa ntlha kgaolo ya boraro temana ya lesome le boferabongwe le re “fa re tshela re tshelela Modimo, boifa leina le le galalelang ebong Jehovah”.
A re fa motho a sa tlhokomele ditsela tsa Morena Modimo o tlaa welwa ke dipetso tse di gakgamatsang tsa Egepeto ebong malwetse. Rre Setlhantsweng a re le ntswa palo ya batho e le ntsi jaaka dinaledi fa go sa tlhokomelwe ditsela tsa Morena Modimo batho ba ka fokodiwa ka go senngwa.
A re fa batho ba reetsa ditaelo tsa ga Jehovah ba tlaa ja molemo wa mahumo a lefatshe
Fa a latlhela la gagwe motshwarelela mogolwane mo lephateng la dipasa, mesepele le boagedi Mme Elizabeth Gabana a re fa efangedi e tsene mo pelong ya motho e a aga e bo e tswelele e ungwe. Mme Gabana o gwetlhile setshaba go batla tsela ya Modimo fa e santse e ka bonwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : Bobonong
Event : Merapelo
Date : 13 Sep 2015






