Breaking News

Mabitla ke lefatshe la morafe

13 Sep 2015

Mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha  la Mmathethe  Rre Kabelo Masilonyane a re ga go a tshwanela gore go beelwe ope sebata sa lefatshe mo teng ga mabitla.

O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Mokgomane a re mabitla ke lefatshe la morafe ka jalo ga go ka fa molaong gore, batho bangwe bone ba tlogelelwe sebata sa lefatshe gore nako ya ba tlhokafala ba fitlhelwe foo.

 A  re go dira jalo ke go baa setsha mo lefatshing la morafe.

Rre Masilonyane o ne a araba mongwe wa banni yo o neng a batla go itse gore a go ka fa molaong gore e re mabitla a tswetswe a bo go tswelelwa go bolokwa batho bangwe mo go one go twe ba ne ba tlogeletswe sebata sa gore ba bolokwe foo.

O kopile banni ba Mokgomane gore fa e le gore ntse ba dira jalo ba emisa go dira jalo. A re fa go na le dibata tsa go nna jalo go bolokwe mo go tsone mme go seka ga tlhola go boelelwa phoso eo gape.

 A re kana go raa gore go tlogelwa lefatshe le le lentsi mo teng ga mabitla a bo go kopiwa mabitla a masha go twe mabitla a tletse ntswa go sa nna jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Omogolo Hans

Location : Mokgomane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Sep 2015