Tona o abelana kitso le ba Mokubilo
14 Sep 2015
Tona wa pereko le selegae yo gape e leng mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu o kgothaditse banni ba Mokubilo mo kgaolong ya Boteti go obamela melao ya lefatshe la Botswana, a re ba kwadise dintsho le matsalo, ga mmogo le go kwadisa bana ba ba dingwaga tse di lesome le borataro go ba direla karata ya itshupo ya Omang.
Tona o ntshitse kgothatso e fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo, a re go kwadisa dintsho le matsalo go botlhokwa ka jaana go thusa puso go dira ditoga maano le ditlhabolo.
Are matsalo a tshwanetse a kwadisiwa pele ga malatsi a le masome a marataro morago ga tsholo ya ngwana, fa dintsho di kwadisiwa pele ga malatsi a le masome a mararo a wela morago ga loso.
Rre Batshu a re Omang o thusa motho go bona ditlamelo ka go farologana motlhofo, a re motho fa a sena Karata ya Omang ga a kgone go bona ditlamelo, a re ke molato go tlhoka go kwadisetsa ngwana Omang ka nako e e beilweng.
O bile a kopa gore bagolo ba ba senang Omang ba thusiwe ke ba ba ba itseng le dikgosi go ba supela gore ba direlwe Omang.
Mo go tse dingwe tona o supile fa ba tshwengwa ke batswakwa ba ba nyalang bomme mono ka maikaelelo a gore ba kgone go bona boagedi, mme morago ba ba phuaganye ka go ba tlhala ba bo ba sa kgaogane le bone dithoto tsa bone.
Tona a re o tshwenngwa gape ke Batswana ba ba santseng ba hira batswakwa ba ba senang diteseletso, mme a ba tlhalosetsa gore ke molato go dira jalo.
Tona Batshu a re mohiri le mmereki ba a tlhokana ka jalo ba tshwanetse ba dirisana sentle ka boammaaruri.
O supile fa go na le batho ba ba hirang badisa ba bo ba sa ba duele sentle. O tlhalositse gore madi a a duelwang badisa e ka nna P583, mme a re o ka dirisa 40% ya one go ba rekela dijo, a bo a re go sotla modisa o sa mo duele ke molato.
A re mafatshe a tshwentswe ke go thupiwa kana go rekisiwa ga batho segolo jang bana ka jalo a re ba ikemiseditse go thibela borukutlhi jwa mothale oo.
Rre Batshu a re go molemo gore batho fa ba tshela mmogo ba nyalane, a re fa ba sa nyalana mongwe wa bone fa a tlhokafala yo o setseng gammogo le bana ba rontshiwa dilo tsa bone ke ba masika a yo o tlhokafetseng. O ba gakolotse go sola molemo lenaneo la Re-A-Nyalana.
Tona o ne a ba lekodisa ka molao wa dikereke, a re kereke ga se ya motho ke ya maloko a tswelela a re puso e dumelane gore kereke e kwadisiwe ka maloko a le lekgolo le masome a matlhano (150) a re seemo se, se ama dikereke tse disha e seng tse di ntseng di le teng. Tona o ne a ba kopa gore fa ba bitsa bana maina ba ba bitse maina a ba tlaa a ratang le fa ba gola, a tlhalosa gore thulaganyo ya go fetola maina e tsaya sebaka se se leele.
E rile a amogela tona, Kgosi Botshabelo Dijeng wa Mokubilo a re go botlhokwa gore bo tona ba ne ba etela metse kgapetsakgapetsa go tla go utlwa matshwenyego a batho ba dikgaolo tsa bone.
Banni ba ne ba supa fa ba itumeletse dithuto tse tona a di ba beileng pele ba re ba ithutile go le gontsi segolo jang ka phiro ya badisa.
E rile a ba araba tona a re fa motho a nyetse mme wa motswakwa o fiwa teseletso ya dingwaga tse tlhano morago ke gone ba ka mo neelang boagedi, mme fela fa motho sena teseletso ke borukutlhi.
Tona o ne a lebogela banni ba Mokubilo go bo ba ne ba tsile ka bontsi, mme a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo le go tlotla kgosi ya bone.
Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o ne a leboga tona go bo a ba lekotse, a re batho ba kgaolo ya gagwe ba tlhoka dikgang tse a tsileng ka tsone. A re o solofela gore ba tlaa tsaya dithuto tsa teng tsia. O ne a kopa tona gore ba atumetse ditlamelo tsa go kwadisa dikhamphane mo kgaolong ya Boteti. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Sep 2015






