Breaking News

Ba kgothadiwa go tsaya karolo mo PMTCT

13 Sep 2015

Ba lephata la botsogo ga mmogo le ba lekalana la borre ba kgothatsa borre go ema bo mme nokeng le go tsaya karolo mo lenaneong la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng (PMTCT) . 

Motsamaisa dithulaganyo tsa lenaneo le, mo kgaolong ya Boteti Mme Unanu Mountain a re ba rotloetsa bomme ba ba itsholofetseng  go ikwadisa ka bofefo, a tlhalosa fa se, se ba fa nako ya go tlhatlhoba mogare le go ka thusa mo go simololeng kalafi nako e sale teng go itsa mogare  go ka fetela kwa loseeng.  

A re fa lenaneo la PMTCT le simolola, le ne le itebagantse le bomme thata,  mme se se fetogile, ka le  akaretsa bo rre. O tlhalositse fa botlhe ba tlhatlhobiwa mogare mmogo, e bile ba tsenelela dithuto tsa kamuso ka lebele le tlhakanelo dikobo e e babalesegileng fa mme a itsholofetse. 

Mme Mountain a re dipalo di supa fa mme yo o nang le thotloetso ya mokapelo a felela a tshola losea le le itekanetseng ka jalo maikaelelo magolo ke go kgothatsa borre gore ba eme bomme ba bone nokeng ka dinako tsotlhe.  

O kaile fa tshwaragano le bo rre, e ka thusa go fenya diemo tse di amanang le go sa  sa ikwadiseng ga bo mme le go ya kokelong fela ka nako ya pelegi. Moakamela dithulaganyo tsa lekalana la borre ramapodise wa kgaolo Rre Michael Maphephu o ne a rotloetsa borre go tsaya boikarabelo.

O kopile borre go nyala le go itebaganya le mokapelo a le mongwe, ka gore se se ka fokotsa kanamo ya mogare, le gore ba ithute go nna boikanyego. 

O ne a rotloetsa borre go godisa bana ba bone, le go emisa mokgwa wa go romela madi, a kaya fa seo se sa supe lorato e bile e se kgodiso e e siameng mo ngwaneng. A re mo kgaolong ya gagwe, ba tshwenngwa ke dipalo tsa petelelo tse di golang beke le beke.

 Rre Maphephu o kopile bomme emisa go rekelwa majalwa ke batho ba ba sa ba itseng le go amogela dimpho ka gore ke tsone di felelang di baka dipetelelo. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Precious Bonang

Location : Mmatshumu

Event : Bokopano

Date : 13 Sep 2015