Breaking News

Mmankgodi o tshwara dikgaisano tsa metse

10 Sep 2015

E rile bosheng motse wa babina Tshwene wa phutha metse le metsana e e fitlhelwang mo kgaolong ya Kweneng kgangkgolo e le go bona motse kana motsana o o phalang e mengwe ka bophepa.

Maikaelelo a dikgaisano tse ke go rotloetsa batho go phepafatsa bonno jwa bone le go tsaya tikologo e le sedirisiwa se se nang le boleng jo bo tshwanetseng go somarelelwa dikokomane tse di tlang, le go lemotsha batho fa matlakala e le selo se se ka dirisiwang.

Ka jalo batho ba tshwanetse go a go a busetsa mo tirisong.

Mo metseng e mebotlana motse wa Tsetseng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng o ikgapetse maemo a ntlha mme ba bo ba itsamaela ka kopi e e amoganwang, setlankana le P1 500. 

Maemo a bobedi a tserwe ke Loologane ba tsaya setlankana le P1 000, fa a boraro a tserwe ke Kubung ba itseela setlankana le P750. Sesung o ne o di gogang kwa pele mo metsing e e da gare mme wa ikgapela kopi e e sa amoganweng, setlankana le P2 000. Motse o wa Sesung o gapile maemo a ntlha mo makgethong a le mmalwa. Maemo a bobedi a tserwe ke Gakuto fa a boraro a gapilwe ke Mmakgodi. 

Mo metseng e megolwane, Ditshegwane ke bone bommampodi ka go tsaya kopi e e amoganwang, setlankana le P2 500. Thamaga a tsaya maemo a bobedi fa maemo a boraro a tserwe ke Kopong.

Dikgaolo-potlana tsone di ne di gaisana di le pedi fela, Letlhakeng o gapile maemo a ntlha o latelwa ke Mogoditshane. Motse wa Molepolole ka e le one fela motse o motona mo Kweneng o ne o kgaogantswe ka dikgotla tsa one, maemo a ntlha a bonwe ke kgotla ya Ratlhomelang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bontle Keipeile

Location : Mmankgodi

Event : Kgaisano

Date : 10 Sep 2015