Breaking News

Fifing go tshwaranwa ka dikobo

10 Sep 2015

Modulasetilo wa mokgatlho wa Leotwana la Kuela Moeng mo kgotleng ya Boswelakoko kwa Molepolole, Mme Olga Mohwasa, a re go botlhokwa go lemoga le go tshwara ka letsogo ba ba wetsweng ke seru.

O buile se bosheng fa mokgatlho o ne o abela lelwapa la ga Mme Keanole le Rre Serotela Modiakgotla dimpho tsa diaparo, dikobo le dijana morago ga gore ntlo ya bone e jewe ke molelo.

A re tiragalo ya go shwelwa ke ntlo e botlhoko thata ka jalo maloko mokgatlho wa bone a ne a ikanapa mme ba gopola bangwe ka bone gore ba ba lemotshe fa ba na le bone mo kutlo botlhokong eo.

Mme Mohwasa a re mokgatlho o o nang le maloko a le masome a matlhano le metso e le mene, o thusa mongwe le mongwe fa a wetswe ke seru mme gape o thusa maloko fa ba tlhokafaletswe.

O boletse fa bontsi jwa maloko a mokgatlho e le bomme a tlatsa ka gore o na le maloko a borre ba le bane fela mme a re o kgothatsa borre go inaakanya le bone gape a tlatsa ka gore maloko a masha le fa e le bomme ba a amogelesega. Mme Mohwasa a re mokgatlho o o  gwetlhilwe ke letshego la setshaba se se kutlwelobotlho e bile e kgathala.

Leloko la lelwapa leo Mme Mable Modiakgotla o ne a nesetsa mogopolo wa leotwana pula, a tlatsa ka gore tiro e ba e dirileng e itumelelwa segolo bogolo ke Modimo, mme a ba eleletsa masego gore ba tswelele ka tiro eo.

Kgosana ya kgotla ya gooRatshosa,  Rre Timothy Gaealashwe le ene o ne a lebogela tiro e, mme a supa fa tota leotwana le, le dirile se se tshwanetseng ka nako e e maleba a tlhalosa fa tiragalo e ya gore ntlo e jewe ke molelo e ne e latela fela moraganyana ga sehularong sa motsadi wa lelwapa leo.

O ne a wetsa mafoko a gagwe ka go kgothatsa maloko go tswelela ba dira tiro e mme a re selo se, se seka sa felela fa mme ba tswelele ka go tshwarana ka kobo mo lefifing. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : Molepolole

Event : Kabo Dimpho

Date : 10 Sep 2015