Banana ba Thamaga ba itomile molomo wa tlase
10 Sep 2015
Banana ba Thamaga ba itomile molomo wa tlase go godisa bodiragatsi mo motseng wa bone.
E rile fa ba bua mo phuthegong e e neng e biditswe ke komiti ya bodiragatsi ya kgaolo ya Thamaga/Kumakwane bosheng, banana ba ne ba tlhalosa fa ba lemofile gore talente e ntsi fela thata mo kgaolong ya bone mme sebe sa phiri e le go tlhoka go itsaya tsia ga badiragatsi bangwe.
Ba ne ba tlhalosa fa ba dirisa bodiragatsi e le tsela ya go ikgapha mo go tse di sa siamang mme ba lemoga fa bodiragitsi jo, bo ka ba fa letseno la madi go itshedisa. Ba ne ba fana maele a go bona gore ba ka tokafatsa kgolo ya bodiragatsi jang mo kgaolong ya bone.
Mongwe wa banana, yo e leng modiragatsi mo setlhopheng sa Kgabo Sereto, Rre Badisa Mongwegi, o ne a kgothatsa komiti ya bodiragatsi go dira dilo ka fa tshwanelong, a tlhalosa fa ba lebeletse mo go bone ka ele bone mokwatla wa bone. O ne a tlhalosa fa go reketla kwa tlhogong go ka ketefaletsa ba ba kwa morago go tsamaya sentle.
Rre Mongwegi o ne a kgothatsa badiragatsi ba bangwe go tsaya bodiragatsi jaaka selo se se ka ba tshetsang e bile se ka okela bojanala mo motseng wa bone.
Modulasetilo wa komiti eo Rre Thatayaone Motlokwa o ne a gatelela gore badiragatsi ba seka ba tshaba kgolo. O ne a tlhalosa fa kgolo e tla le dikgwetlho tse dintsi fela thata mme go tla tswa mo go bone gore a ba lebagana le dikgwetlho tseo kgotsa ba a ineela.
O ne a tlhalosa gore bodiragatsi bo ka isa motho kwa mafatsheng a a farologaneng, mme a tlhalosa fa seo se ka diragala fela fa motho a tsaya se a se dirang ka tlhwaafalo le lorato.
Rre Motlokwa yo le ene a itshetsang ka bodiragatsi, o ne a tlhalosa fa a le fa a leng teng ka gore o ne a mekamekana le dikgwetlho tsotlhe tse a neng a kopana le tsone. O ne a tlhalosa fa ene a tsaya bodiragatsi jwa gagwe e le kgwebo ka jaana a dira dilo tse di dirilweng ka matlalo e bile di mo isa kgakala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhayaa
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego
Date : 10 Sep 2015






