Seemo sa metsi se bifile kwa Mmopane
10 Sep 2015
Kgosi Moarabi Manthe wa Mmopane a re go na le sebaka sa kgwedi le sephatlo ba sena metsi mo motseng. E rile a amogela batsena phuthego ya kgotla bosheng, Kgosi Manthe a tlhalosa fa seemo se sa metsi se tlaa dira gore sekole se tswalwe ka go sena metsi a a tlhapang e bile matlwana a boithomelo a ka seke a dirisiwe.
Tona wa kgotetso le metsi, Rre Kitso Mokaila, o ne a tlhalosetsa banni fa seemo sa bone se tlaa tsibogelwa ka bofefo.
A re kwa tshimologong letamo la Gaborone, le jaanong le senang metsi, le ne le ne le diretswe go nosa toropo kgolo fela. Tona o ne a tlhalosa fa matamo a mangwe jaaka Letsibogo le Bokaa a a neng a agetswe go thusa la Gaborone go nosa metse e e dikologileng toropo le one a kgadile.
Rre Mokaila a re go setse matamo a Dikgatlhong le Letsibogo fela. O tlhalositse gore matamo a a setseng ga a lekana go nosa Gaborone le mafelo a a mo tikologong jaaka Mmopane ka jalo mafelo a a na le tlhaelo e ntsi ya metsi.
A re ka ntata ya seemo sa go kgala ga matamo lephata le simolodise go ntsha metsi ka tekanyetso. O tladitse ka gore ke seemo se se tlhobaetsang ka le dipompo tse di tshwanetseng go isa metsi kwa metseng go tswa kwa ditankeng tse ditona, di tshwanelwa ke go agiwa sesha le gone go senka metswedi e mengwe ya metsi.
Kagiso Dintwe yo e leng modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmopane, o ne a tlhalosa fa ruri seemo se se tlhobaetsa, a re go na le dikoloi tse di tlang mo motseng di ba rekisetsa metsi, dilithara tse di masome a mabedi le botlhano ba di duela masome a mararo a dipula.
Le fa go ntse jalo, Dintwe o ne a supa fa ba sa wele dibete ka ba sa itse gore a metsi a a tlhatlhobilwe, le gore a tlhatswitswe go ka nowa ke batho.
Mongwe wa banni Rre Ashley Moloko ene o ne a tlhalosa fa a ganetswe go phunya sediba mo tshimong ya gagwe mo a ka bong le ene a thusa banni ka metsi, fa Mme Botshome ene a ne a ntsha kgakololo ya gore go epiwe didiba mo nokeng ya Metsimotlhabe. Mme Boineelo Nthomamisi yo e leng mooki mo kokelwaneng ya Mmopane, ene o ne a tlhalosa fa seemo se sa metsi se sa jese diwelang ka ba sa kgone go tlhatswa didirisiwa tsa kokelo, a re le one metsi a a balwetsi ba ka nwang dipilisi ka one ga a yo.
Rre Motshwaedi Mpheke, mogolwane go tswa kwa lephateng la metsi o ne a tlhalosetsa morafe gore seemo se sa tlhaelo ya metsi ke kgwetlho ka gore metsi ga a sa tlhole a tswa golo go le gongwe jaaka ele tlwaelo.
Ke sone se go kgonang go tsaya sebaka metsi a sa tswe ka ba a bo ba tshwanelwa ke go kgaoganya phatlalatso ka metse. Rre Mpheke o tlhalositse gape fa go tlaa nna le diteraka tse di tsamayang di tshelela banni metsi mo motseng.
Lefa go ntse jalo Tona Mokaila o kopile banni go nna dipelo ditelele, a tshwaela gore mo dikoleng le mo dikokelong go tlaa netefadiwa gore go nna le ditanka tse di beelang metsi. godimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : Mmopane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Sep 2015






