Mokoduwe go tsoswa o o itekang
09 Sep 2015
Go le gantsi, fa banana fa ba fetsa kwa dikoleng ba lebelela puso gore e ba tlhamele diphatlha tsa mebereko, mo go feletsang go baka gore nne kwa malwapeng ba sa dire sepe ka ntlha ya go ikaega thata ka puso go na le go itirela ka diatla tsa bone.
Letlhoko le la ditiro mo bananeng ke lone le gwetlhileng monana mongwe wa Mahalapye, Rre Kaboyamodimo Radikwata wa dingwaga tse di masome mabedi le bone go itshimololela kgwebo e potlana a sena go fetsa kwa sekoleng.
Rre Radikwata o butse marekisetso a mabotlana a dijo.
A re o simolotse a rekisa ice cream le dimonamone fa pele ga marekisetso a Choppies gone mo Mahalapye ka ngwaga wa 2013.
O ne a reka didirisiwa tsa gagwe ka madi a a neng a a ipolokela a santse a le kwa sekoleng sa Gaborone Institute of Professional Studies kwa a dirileng dithuto tsa Human Resource Management.
Rre Radikwata a re o ne a lemogile go sale gale gore botshelo bo thata kwa ntle mme bo tlhoka motho a ikemetse ka dinao, ke sone se a iseng a senye sebaka go ka ipulela kgwebo e bile a sa tlhabiwe ke ditlhong go tlhola kwa marekisetsong gore a bone matsana a go itshetsa.
Mo nakong eno kgwebo ya gagwe e godile mo a setseng a kgonne go reka mechine e mebedi ya ice cream, wa di pop corn le o o tswakanyang, le didirisiwa tse dingwe tsa kapei.
O boletse fa a thapile mmereki a le mongwe go mo thusa mo kgwebong ya gagwe e e tsweletseng ka go gola.
O ne a tlhalosa gore se se botlhokwa mo kgwebong ke go rata le go tsaya tiro ka tlhwaafalo mmogo le go kgotsofatsa bareki.
A re go dira jalo go ka lere maduo a a makatsang go sa kgathalese gore kgwebo e potlana go le kae.
A re ntswa kgwebo ya gagwe e le potlana e bile e sena lefelo le le tlhomameng o netefatsa gore bareki ba gagwe ba phuthologa ka go ba beela ditilo le ditafole tse ba ka di nnang le go jela mo go tsone.
Monana yo o ikiteileng sehuba go nna mogwebi wa tlhotlhwa mo isagong a re o batla go bula kgwebo e nngwe pele ngwaga ono o ya fifing ka a lemogile gore mo motseng wa Mahalapye go na le menyetla e mentsi ya go ka bula dikgwebo tse di ka atlegang.
O boletse gore go botlhokwa thata gore monana a ikemele ka dinao go na le go emela puso go ba tswela ka megopolo le go emela go thusiwa ka madi. A re mongwe le mongwe o ka itirela sengwe ka bonnyenyane jwa a bo kgonang go fitlhela a goroga kwa ditorong tsa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Lephojane
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 09 Sep 2015






