Breaking News

Mogwebi wa tswii o a itela

09 Sep 2015

 Monniwa Maun yo o gwebang ka go bapala le go rekisa tswii a re o tshwenngwa ke go tlhoka go gola ga kgwebo eo.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kearabetswe Nyaza o supile fa go rekwa ga tswii e e apeilweng go ile kwa tlase.

O tlhalositse fa go ya kaene, se se dirwa ke gore boleng jwa madi bo ya kwa tlase mme segolo bogolo o tshwenngwa ke gore puso ga e tsenye letsogo mo go tlhabololeng kgwebo ya bone.

Mme Nyaza o tlhalositse fa a setse a kile a tsena mo makalaneng mangwe go kopa dithuso mme ga ba ise ba bone
phetolo ka dikopo tsa bone.

A re ba kile ba kopa ba lephata la tikologo, diphologolo le bojanala gore a ko le bone baepi ba tswii ba direlwe diteseletso tsa go bapala tswii., a re mme phetolo e ne ya nna gore seo ga se ka ke sa kgonagala.

Mme Nyaza a re o ne a kopa gore ba direlwe marekisetso kana madirelo a ba ka apayang ba bo ba rekisa teng.

O tlhalositse fa ba ka itumela fa e le gore le bone ba ka bitswa fa go na le meletlo kana bokopano gore ba apeye dijo tsa Setswana tse di bonwang mo kgaolong yone ya Ngami. 

A re ba ka nna motlotlo fa Tswii e ka tlotlomadiwa fela jaaka tsela nngwe ya go kabakanya itsholelo ya Botswana.

O ne a tlhalosa fa dikgwetlho tse dingwe tse di dirang gore kgwebo e seka ya gola ke go tlhoka tirisano mmogo magareng ga bone e le bagwebi ba Tswii.

Mme Nyaza o tlhalositse fa ba sa bone thuso ka melaetsa ya gore ba ka godisa jang kgwebo ya bone e e saleng
ba e simolola ba le babotlana.

A re go epa Tswii, ke ngwao e e ka tlotlomatsang lefatshe la Botswana le ngwao mo mafatsheng a mangwe fa e ka fiwa sebaka sa go gola.

O ne a tlhalosa gore Tswii, e ba e rekisang, ba e epa kwa metsaneng e e gaufi le Maun, e e tshwanang le Ditshiping, Daunara le mangwe mafelo a a mo makgobokgobong.

A re mme ba nna le ditshenyegelo tse di ka tshwarang makgolo a mararo a dipula go tsamaya le go bowa ko ba epang t Tswii.

O ne a tlhalosa gore Tswii. ke segwere se se ka apeiwang se tlhakanngwa le nama nngwe le nngwe jaaka ya kgomo, podi, koko le tlhapi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Edith Sebati

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 09 Sep 2015