Breaking News

Monana wa Molepolole o ikantse kapei

09 Sep 2015

Lesego Manyelenyele wa kgotla ya Mparalatsane mo Molepolole ke mongwe wa banana ba ba dumelang gore maano a botshelo ga a site.

O simolotse kgwebo ya thekiso ya dijo fa thoko ga tsela. 

Lesego a re o simolotse kgwebo ya go apaya dijo a bo a di rekisa fa thoko ga tsela ngwaga ono ka kgwedi ya Moranang a tlhalosa fa a tsoga ka nako ya botlhano moso mongwe le mongwe go simolola a apaya dijo tse mme a re fa nako ya dijo tsa motshegare e atumela o rwala dijo tse ka koloi go ya fa a rekisetsang teng malatsi otlhe kwa ntle ga letsatsi la Tshipi.

O tlhalositse fa a simolotse kgwebo e morago ga go itlhoboga a sena go letela phetolo ka sebaka se se leele ga kopo ya nyeletso lehuma e a neng a e dirile go simolola kgwebo e ya go apaya dijo a bo a di rekisa

 A re o ne a itshimololela kgwebo e ka madi a a neng a a kokotleditse fa a santse a dira kgwebo e potlana ya semausu kwa lwapeng.

Go bo a le monna mo kgwebong e e tlwaelesegileng e le ya batho ba bomme, Lesego a re se ga se a mo kgoba marapo ka a godile a sena kgaitsadie ka jalo a ne a tlamega go dira sengwe le sengwe go akaretsa go apaya a re seo ke sone se mo dirileng go dumela gore o ka kgona ka go apaya e ne e se sepe se sesha mo go ene.

A re morago ga go latlhegelwa ke mmagwe a santse a dira mophato wa bobedi o ne a godiswa ke mmangwaneagwe yo o neng a mo ruta ditiro tsotlhe tsa mo lwapeng le yone ya go apaya a dira mophato wa bone. 

Bareki ba gagwe ba akaretsa badiri ba madirelo a a rekisetsang go bapa le one a go roka diaparo le a go loga moriri, bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba le bahiti ka tsela.

Le ntswa kgwebo e e le potlana, Lesego o tlhalositse gore go na le dikgwetlho a tlhalosa fa a tlamega go apaya dijo tse a le nosi ka a sena mothusi ka jalo go lapisa. A re nako dingwe o kgona go apaya dijo di le dintsi mme di bo di sa rekwe tsotlhe mme mo a re e nna tatlhegelo.

Rre Lesego o tlhalositse gore go tlhoka mmereko ke gone go mo gwetlhileng go itshimololela kgwebo e go mo kgapha mo mmileng a re go tlhoka mmereko ga banana go kgona go baka tlhaelo ka bangwe ba felela ba inaakanya le ditiro tsa borukutlhi.

A re mo nakong eno ga a ise a fitlhelele dingwe tsa ditoro tsa gagwe ka a sale mosha mo kgwebong e, mme a re o eletsa go gola mo kgwebong e go tla a aga lefelo la thekiso ya dijo le go tsena sekole sa kapei ya tsone.

O rotloeditse banana ba bangwe jaaka ene go dirisa bokgoni jwa bone go itshetsa, a re dipoelo tsa kgwebo e di a mo thusa ka a re o itshela metsi mo ganong a ithekela melora le dijo ka jalo a sa tlhoke go nna morwalo mo go ba lelwapa la gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Montshwari

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 09 Sep 2015