Breaking News

Ipelegeng e thusa Mogatle

09 Sep 2015

Mme Seasebeng  Mogatle, yo o apeeleng babereki ba Ipelegeng kwa Shoshong a re go inaakanya le lenaneo la Ipelegeng go na le maduo a mantle.

Fa a bua mo potsolotsong  bosheng, Mme Mogatle a re o digela kgwedi ya bobedi a apeela babereki ba Ipelegeng,  mme o setse a kgonne  go itirela dingwe tse a neng a di eletsa.

A re dikatso tse a di bonang o di dirisa mo ditirong tsa malatsi otlhe tsa mo lwapeng, mme maikaelelo a matona ke gore a ye go epa tshimo ya gagwe go ipaakanyetsa paka e ntsha ya temo.

A re bontlha bongwe jwa madi o tlaa bo dirisa go reka dipeo ka jaana tse di phakiwang di kgona go tla morago ga nako, a tlatsa ka gore ‘ke molemi wa popotla, ke batla gore fela fa sephai se sena go kgabola ke bo ke fudugela kwa masimo.’

A re le ntswa temo ya ngogola e ne e sa atlega ka dipula di ne di le boutsana, se ga se a mo kgoba marapo a go iteka gape ngwaga ono. Fa a tswelela, mme Mogatle o supile fa a sa  gwetlhiwa ke madi fela go tsenelela lenaneo le.

A re ke motho yo o lorato thata, e bile o rata go bereka le batho. A re gape babereki ba ba dira ditiro tse di farologaneng tse di bokete, ka moo o itumedisiwa ke go ba fepa ka dijo gore ba ithobe dingalo.

Mo go tse a di apayang, a re o kabakanya dijo, a apaya tse di farologaneng letsatsi le letsatsi. O supile fa e le motho yo o tlhaloganyang mosola wa dijo mo mmeleng, e bile a leka ka bojotlhe go apaya dijo tse di nang le dikotla , di tshwana merogo, nama le dinawa ka go farologana ga tsone.

A re gape go apaya jaana go okela babereki go tla tirong, ka ba itse fa ba tsile go ja dijo tse di nang le boleng jo bo kwa godimo. Mongwe wa babereki ba Ipelegeng Mme Kesaitse Ramapowa, o iteetse kobo moroko mafoko a ga mme Mogatle, a supa fa ba fiwa dijo tse di phepa ka lorato le monyenyo, a tlatsa ka gore Mme Mogatle o dirisana le bone ka lerato le setho.

Fa a wetsa,  Mme Mogatle a re o akgolela puso lenaneo le ka le tsholetsa matshelo a Batswana. A re o rotloetsa batho gore ba seka ba tseela lenaneo le kwa tlase ka go dira jalo e le go intsha dijo mo ganong, a tlatsa ka gore ‘boleng ja madi bo tshwana fela, go sa kgathalesege gore ke a tiro efe.’ BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boitshepo Setogile

Location : SHOSHONG

Event : Potsolotso

Date : 09 Sep 2015