Sejo sennye ga sefete molomo
09 Sep 2015
E re ka Motswana a re sejo sennye ga se fete molomo, barutabana ba sekole se se botlana sa Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng ba thusitse mosadi mongwe yo o tshelang ka bogole.
Tiro e, e ne e tshwerwe bosheng gone kwa Lentsweletau. Barutabana le babereki ba sekole se sebotlana sa Lentsweletau ba ne ba kokoanya madi go thusa Mme Mosadi Kegametswe wa kgotla ya Ledubeng.
Se, e ne e le bontlha bongwe jwa maitlamo a bone a go direla setshaba. Mme Kegametswe o berekile e le moapei mo sekoleng se sebotlana sa Lentsweletau go tloga ka ngwaga wa 1989 e le moithaopi pele ga a thapiwa ke khansele e ntse e le moapei ka ngwaga wa 2002 go fitlhela a tlogedisiwa ke bolwetse ka 2011.
O ne a kgonne go ikagela ntlo ya dikamore tse nne ka nako ya a le mo tirong, mme ka go tlhoka lesego a seka a kgona go e fetsa ka ntlha ya bokoa.
Fa a rola semmuso tiro e ba neng ba e dira ya go feleletsa ntlo ka go tsenya lebati, matlhabaphefo le go aga setupu se se ka thusang Mme Kegametswe go tsena le go tswa mo ntlong bonolo ka a na le bogole mo maotong, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lentsweletau, Mme Mokgarebe Tomeletso a re lerato ke lone le ba gwetlhileng go thusa Mme Kegametswe.
Mme Tomeletso a re ba ne ba koleka kgwedi le kgwedi go kokoanya lemmenyana la go dira tiro e. Mogokgo o boletse gape gore ba dirile se e le maiteko a go araba mokgosi wa ga Tautona wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, le gone go diragatsa letshego la 2016 la setshaba se se lerato, kutlwelobotlhoko e bile se kgathala.
Mme Tomeletso a re badirelapuso ba tshwanetse ga nna le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho ba dikgaolo le metse e ba direlang mo go yone ka jaana le bone ke bontlha bongwe jwa merafe eo.
E rile a amogela mpho eo Mme Kegametswe a supa fa a itumetse fela thata e bile a leboga thata ba sekole sa Lentsweletau go bo ba mo thusitse go feleletsa ntlo. Mme Kegametswe o nna le kgaitsadie fela, ka jaana a sena bana.
O tsweletse a tlhalosa fa a se kitla a kgaogana le ba sekole se, a re ke maikaelelo a gagwe go amogela dikgakololo dipe fela tse a ka di fiwang. Fa a isa malebo, mothusa Kgosi Rre Motswasele Kgosidintsi o ne a re go a itumedisa go bona batho ba araba mokgosi wa ga Tautona, a supa gore batho ba le bantsi ba dule kwa morago e bile matshelo a bone a tokafetse.
Kgosi Kgosidintsi a re bone e le morafe wa Lentsweletau ba ne ba thusa Mme Kegametswe ka go mo tlhagolela lelwapa ngwaga o o fetileng ka letsatsi le badirelapuso ba isang ditirelo kwa setshabeng ka lone, mme fa e sale ba dira jalo lelwapa le phepa.
Kgosi a re ke tshwanelo ya gore go salwe morago matshego a 2016 go netefatsa gore ka 2016 a bo a diragaditswe ka botlalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bontle Keikepe
Location : LENTSWELETAU
Event : Kabo-dimpho
Date : 09 Sep 2015






