Breaking News

Seretse o lekola kgaolo

09 Sep 2015

Mopalamente wa Lentsweletau-Mmopane, Rre Vincent Seretse, a puso e tsweletse ka go baakanya melao mengwe. O buile se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Mahetlwe, mo kgaolong ya Kweneng.

Rre Seretse, yo gape e leng Tona wa  Papadi le Madirelo, a re molao wa lekgetho o tsentswe dipaakanyo mme dikhamphani dingwe jaaka Botswana Meat Commission (BMC) ga di na go duela lekgetho.

A re mo diemong tse dingwe lekalana la Botswana Unified Revenue Services (BURS) le le itebagantseng le tsa lekgetho le ne le kgona go duedisa dikhamphani tseo lekgetho le le feteletseng mme go tsee nako e ntsi gore madi ao a  boele beng mme jaanong puso e dirile gore BURS e ka busa madi ao ka bofefo.

Tona Seretse o boletse fa dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi e bile di thusa puso mo go ageng dikole, dipatela le tse dingwe di tlaa fokolediwa lekgetho, a tlatsa ka gore barui ba ba rekisang dikgomo bone ba tsenyeditswe lekgetho la  metso e mene mo lekgolong fela.

E rile a itebaganya le dikompone tse di ikemetse mme e le tsa tshireletsego ya dithoto, dikago le batho, tona a supa fa puso e utlwile dilelo tsa Batswana tsa gore babereki ba dikompone tse, ga ba duelwe sentle mo diemong dingwe le gore ga ba a babalesega mo tirong.

A re puso e sekasekile melawana e e itebagantseng le dikompone tse mme ya tswa ka maano a go fa babereki bao dithata tsa gore ba ka itsheka fa ba sa tshwarwe sentle.

O ne a tswelela ka gore puso e ikaelela go godisa itsholelo ya lefatshe go ya ka mafelo ka go farologana ga one a se kgonang. O tlhalositse fa lefatshe la Botswana kwa bokone le humile bojana, fa legare la Botswana le na le metsi a mantis mme Gaborone ene e le boremelelo jwa madirelo.

A re maikaelelo ke go tlhabolola se kgaolo nngwe le nngwe e nang le sone e le tsela nngwe gape ya go tlhama mebereko le gone go tlhabolola itsholelo.

Tona o boletse fa puso e tsere tshwetso ya go oketsa tlhokomelo ya ba-na-le-bogole mme a kopa batsadi le batlhokomedi ba botlhe ba ba nang le bogole e bile ba ka seke ba itirele sepe, go ba kwadisa kwa go ba boipelego.

A re mo godimo ga dijo tse ba ntseng ba di fiwa ke lekalana la tsa selegae, ba-na-le-bogole bao ba tlaa amogela madi a a kana ka P300. “Go santse go na le mafelo a e leng gore lehuma la nta ya tlhogo le itshetletse mo go one, mme puso ga e a nna fela”, Tona Seretse a bolela.

A re puso e tsere tshwetso ya go thusa bana ba ba nnang mo mafelong a a lebaganeng le seemo se sa lehuma, mme a re ba ba tsenang sekole ba tlaa fiwa dijo gabedi mo letsatsing.

E rile a wetsa puo ya gagwe, tona Seretse a bolelela batsaya karolo mo phuthegong fa kgwetlho e tona e puso e lebaganeng le yone e le motlakase le metsi mme a tlhalosa fa ba itebagantse le seemo se.

A re dipompo tse dingwe di dikgologolo mme go senyegeng ga tsone, go kgona go dira gore banni ba tlhaelelwe ke metsi lebaka la fa go santse go baakangwa a tlatsa ka gore go tsenngwa dipompo tse di tswang ko bokone jwa lefatshe leno go tla borwa e le letsholo le le boloditsweng go thusa ka metsi.

O boletse fa  go fetlha motlakase e le tiro e kgolo mme a tlhalosa fa puso e ne e lebetse ko pele sentle mo go tsa motlakase mme ya apesiwa ditota ke kompone e e neng e thapilwe.

A re seemo sa motlakase gompieno se botoka mme a tlotlomatsa tirisano e lefatshe la Botswana le nang le yone le la Aferika Borwa mo go tsa motlakase ka a re le fa ba na le mathata a motlakase, ba tsweletse ka go fa lefatshe leno motlakase.

O tlhomamisitse fa puso e thapile kompone e nngwe e a rurifaditseng fa e tlaa dira tiro ka botlalo gore lefatshe leno le iphetlhele motlakase. BOPA

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MAHETLWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Sep 2015