Breaking News

Sepodisi se ikuela mo batsading

09 Sep 2015

Batsadi ba kgothaditswe go emisa go sireletsa bana ba bone ba ba ikamantseng le borukutlhi. Go buile jalo Special Costable Theodora Motlhaomme wa sepodisi sa Botswana mo phuthegong kwa kgotla ya goo Mogotsi kwa Molepolole bosheng.

Mme Motlhaomme o supile fa seemo sa borukutlhi se golela pele mo kgaolong e, mme go ya ka ditlhotlhomiso tsa bone ba lemogile fa borukutlhi  jo bo akaretsa go dirisa ditagi, mme thata go goga motokwane, petelelo, go thuba le go utswa mo malwapeng bosigo, go phamolela babereki maitseboa fa ba tswa ditirong le go tsaya ka dikgoka.

A re borukutlhi bo dirwa ke bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba e ka bong ba tlhwaafaletse dithuto tsa bone ka jaana bontsi jwa bone e le bana ba sekole.

O tsweletse  ka go tlhalosa fa go supagala fa batsadi  ba itse ka borukutlhi jo bo dirwang ke bana ba bone, mme gangwe le gape batsadi ba rotloetsa e bile ba a loba fa ba sepodisi ba tlhoka go thusiwa ka tsa ditlhotlhomiso.

A re batsadi ba na le go roma bana ba bone go ba rekisetsa motokwane kwa balekaneng ba bone kwa sekoleng. O kopile gore  banni ba kgotla ba bereke  le bone ka dinako tsotlhe fa go tla mo dikgannyeng tsa go lwantsha borukutlhi.

O tsweletse ka go gakolola banni  go sa bula matlhabaphefo ba bo ba sa a tswale fa selemo se gorogile jaana gonne seo se fa magotswana natla le bomotlhofo jwa go senya ba sa kgoreletswe ke sepe.  

E re ka jaana a berekela mo  lekalaneng le le itebagantseng le twantsho borukutlhi o kgothaditse banni go simolola mokgatlho wa ntebela ke go lebele le go tlhopha komiti e e  tlaa tsamaisang mananeo le merero ya mokgatlho o.

Mo go tse dingwe mokhanselara wa kgaolo e Rre Ellen Jacob o supile matshwenyego ka boimana jwa banana le ba ba mo dikoleng ka bophara, o tlhalositse fa bana ba le makgolo a mane,masome matlhano le metso e le meraro ba tlogetse sekole monongwaga ka ntata ya boimana, se se tlhabisang ditlhong le go feta ke gore bana ba sekole se segolwane sa Kgari Sechele Senior ba eteletse palo e pele ka masome a mararo le metso e fera bongwe.

O gakolotse batsadi go kgothatsa bana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo ba sale babotlana ka jaana go ka kgoreletsa dithuto tsa bone.BOPA

Source : BOPA

Author : Kagiso Kegolotswe

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Sep 2015