Methale ya go itshetsa e mentsi
09 Sep 2015
Bagolo ba tsweletse ka go supegetsa banana gore le fa letlhoko la ditiro le ile magoletsa, methale ya go itshetsa e santse e le mentsi.
Ba supa ka go dira dilo tse dintsi tse di amanang le ngwao e bile di na le dipoelo tse di nametsang. Bangwe ba dira dinkgwana, ditlatlana, ditilo tsa dikgole le tse dingwe.
Mme Mpaka Modise, yo o dingwaga tse di masome marataro wa Moshupa, ke mongwe yo o tshegeditseng segologolo sa go itlhamela tiro ka diatla tsa gagwe. O dira dipheelo tsa Setswana ka bojang jwa motshikhiri.
Mme Modise o tlhalositse mo potsolotsong bosheng gore o sale a simolotse tiro ya go dira dipheelo tsa Setswana bogologolo tala a e rutiwa ke batsadi ba gagwe.
A re e ne e le tiro ya basetsana go dira dipheelo tsa Setswana mme e re go tswa foo ba di dirise go feela mo lwapeng ka e ne e le tsone fela di dirisiwang go dipheelo tsa segompieno.
O tlhalositse fa lefeelo la Setswana le dirwa ka bojang jo bo omileng. A re o lemogile fa lelwapa lengwe le lengwe le tlhoka go feelwa ka jalo lefeelo la Setswana e le lone le ka dirang tiro botoka.
O tlhalositse gore fa lefeelo le fetileng teng ga go motlhofo gore tlhaga e mele. Mme Modise a re go dira lefeelo la Setswana go motlhofo fela thata e bile ga go tseye nako e ntsi.
O boletse fa a dira dipheelo ka nako ya gagwe ya iketlo mo lwapeng mme morago a ye go a rekisa kwa batho ba tsamaelang teng thata jaaka kwa mabentleleng.
A re o rekisa lefeelo P10 le le lengwe mme a re batho bangwe ba lela ka gore a ba bolaisa mokwatla. Mme fela a re ba tlamega go reka ka a le tlhwatlhwa e kwa tlase mme gape a re dipheelo tseo di dira tiro botoka go gaisa tse dingwe.
Legale Mme Modise a re o kopana le dikgwetlho tsa gore bojang ga bo bapalwe nako nngwe le nngwe. A re bojang bo bapalwa fela bo setse bo omile.
Mo godimo ga moo,o supile fa a sena koloi ka jalo go bapala bojang le go ya go rekisa dipheelo ke kgwetlho.
Mme Modise a re ga a ke a ipona tsapa go ya go batla bojang kwa bo ka bonalang teng paka nngwe le nngwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thabang Tlhomamisang
Location : MOSHUPA
Event : Potsolotso
Date : 09 Sep 2015






