Breaking News

O esi ga o ele

09 Sep 2015

Mothusa molaodi kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Boammaaruri Otlhogile, o kopile Batswana go fetola boitshwaro jwa bone mo go tsa tlhakanelo dikobo le go bereka ba le seopo sengwe le mmuso go lwantsha kanamo ya HIV/AIDS.

Rre Otlhogile o ntshitse kgakololo e kwa letsatsing la go simolodisa merapelo ya kgwedi ya Lwetse ya go rapelela bolwetse jo, kwa Takatokwane.

O tlhalositse fa HIV/AIDS e ama mongwe le mongwe, ka jalo a gwetlha dikereke, baeteledipele le Batswana ka bongwe ka bongwe go tsaya boikarabelo jwa go lwantsha kanamo ya mogare ka gotlhe mo ba ka go kgonang. 

Rre Otlhogile a re lefatshe leno le tsweletse ka go dira maiteko a go leka go tlhabantsha bolwetse jo, ka go atolosetsa bontsi jwa mananeo otlhe kwa dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe leno, le gone go itebaganya le go rotloetsa learo la borre le mananeo a mangwe, mme a kaela banni bao fa go atlega ga maiteko a go le mo diatleng tsa bone. 

A re go botlhokwa thata gore mongwe le mongwe a ikiteye ka thupana go thusana le mmuso mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jo, ka go sala ditaelo tsa ba botsogo morago, go fetola boitsholo tebang le tsa tlhakanelo dikobo, a re seo se ka leka go lwantsha mogare o mosha. 

Rre Otlhogile o ne a tlhalosa gore dipalo di supa gore ka ngwaga wa 2008, 10.3 per cent ya batho ba ne ba tshela ka mogare wa HIV mo kgaolong ya Kweneng, mme ya re ka ngwaga wa 2013 dipalo tsa tsholetsega go nna 11.8% ka jalo a supa fa seemo se tshwana le se, se tshwenya e bile se gwetlha botlhe go ema ka dinao.

Mongwe wa dibui, Rre Onthusitse Batlhophi yo e leng moruti wa kereke ya Abraham Church of Botswana o ne a kopa baruti go nna sekao mo diphuthegong le mo setshabeng ka go dira tse dintle le go ikgapha mo ditirong di tshwana le boaka ka jaana di na le seabe mo kanamong ya mogare wa HIV.

Moruti Batlhophi o ne gape a itsise banni bao fa go ikanya le go nna le tshepho mo Modimong e le yone tsela e e molemo mo bathong ba ba tshelang le mogare wa HIV, a kaya fa Modimo a le mogolo mo go tsotlhe e bile fa batho ba ka mo ikanya le go nna le tshepho mo go ene a ka tsisetsa lefatshe leno pholo. 

E ne ya re a a fa malebo, Kgosana Rakgabo Rammurwana a kopa borre go tsaya karolo mo mekgatlhong e tshwana le Men Sector, e e bopilweng go ema kgatlhanong le bolwetse jwa AIDS, mme a ba kaela gore go lemosegile fa ba le maoto a tshupa mo dikgannyeng tsa botsogo, ka jalo ba itsose. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Letsatsi la go simolodisa merapelo

Date : 09 Sep 2015